Letsholo la twantsho bogodu jwa leruo le simolodisitswe
01 Oct 2013
Tona wa itshireletso, Molao le Thokgamo Rre Dikgakgamatso Seretse o simolodisitse letsholo la go lwantsha bogodu jwa leruo kwa morakeng wa Lechana gaufi le Palapye.
Fa a simolodisa letsholo le kwa morakeng wa Lechana bosheng Rre Seretse o boletse gore puso e lemogile fa bogodu ja leruo bo apesitse lefatshe leno bogolo jang kgaolo ya legare kobo ka letshoba. A re puso e itlamile go tlhabolola kanamo ya mapodisi le go etelwa kgapetsakgapetsa ga baithaopi ba ba thusang go lwantsha borukutlhi ga mmogo le go ba neela dikoloi tse di faphegileng tse di tlaa kgonang go tsamaya mo ditseleng tsa masimo le tse di sa tsamaegeng.
A re maikaelelo a mangwe ke gore go nne le kgolagano fa gare ga mapodisi, setshaba, ba bosekisi ga mmogo le ba na le seabe ba bangwe gore ba kgone go lwantsha bogodu ja leruo ba le seopo sengwe.
A re mapodisi a le nosi ga a kake a kgona bogodu ja leruo go sena tshwaragano le sechaba le bana le seabe ba makalana a mangwe. Rre Seretse, re ke sone se puso e tsereng kgato gore go nne le batlhotlhomisi gammogo le basekisi go thusa mapodisi.
A re go tsile go dirisiwa baitseanape ja maranyane a a faphegileng go tlhotlhomisa dikgang tsa bogodu ja leruo go thusa go nonotsha bosupi. Rre Seretse a re go tsile go nna le dithuto puisano tsa ba na le seabe e le tsela ya gore lephata la gagwe le atlege mo twantshong bogodu ja leruo.
Mo godimo ga mo a re puso e ile ya tlhoma lekalana mo sepodising go itebaganya le bogodu ja leruo gore ba sireletse itsholelo ya Batswana. A re go nnile gape le molao o o itebagantseng le bogodu ja leruo ka go lemosegile fa leruo le le botlhokwa fela thata. A re Batswana ga se chaba e e agilweng ka madi mme a ba rotloetsa gore e nne bone matlho a leruo la bone.
A re fa e ne e se dikgwetlho, maikaelelo a gagwe ke gore maphata a itshireletso a seka a tlhoka ditsompelo gore maikaelelo a bone a seka a retela. Fa a tswa la gagwe Ramapodisi a lefatshe le Rre Keabetswe Makgophe o ne a re go tshwara tiro ya mofuta o kwa Lechana ke go tla go gakololana gore seabe sa montswana mongwe le mongwe ke eng le go lekodisana ka dikgwetlho tse di aparetseng ba sepodisi ga mmogo le go godisa tshwaragano ya sechaba le sepodisi.
A re mo malatsing a leruo le tsewa fela mo masakeng mme a tlhalosa fa maikaelelo e le go upa gore go seka ga tlhola go utlwala dikgang tsa bogodu ja leruo. Le fa go ntse jalo a re Batswana ba thusa go tshwara dirukutlhi mathata ke gore ba felela ba tsholola dikgang ntswa go sentswe didirisiwa tsa puso go dira ditlhotlhomiso.
A re beng ba dikgomo ga ba etele meraka kgapetsa kgapetsa ka jalo ga ba itse dikgomo tsa bone, mme di itsiwe ke badisa, a tlhalosa fa bongwe borukuthi bo dirwa ke badisa. ore puso e eme Batswana nokeng.
Letsatsi le le ne le tshwerwe ka tlhogo e e reng: Go atolosa seabe sa sechaba mo go lwantsheng bogodu jwa leruo go ya ko ngwageng wa 2016. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : Palapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 01 Oct 2013






