Baherero ba tshwere ngwao
27 Sep 2013
Morafe wa Baherero ke mengwe ya ee santseng e tshwere ngwao, selo sese ba farologanyang ebile se bafa seriti mo merafeng e mentsi ee mo lefatsheng leno.
Mo merafeng ka bontsi, fao buwa ka go gama go itsiwe hela gore ke tiro ya bo-rre le bana ba basimane, mme mo morafeng wa Baherero ga oa nna jalo. Bo-mme ba teng ke bone ba ba itseng gore phakela faba sena go direla ba lelwapa tee, go simologa tiro e bontsi bo akanyang ele ya bo-rre ya go gama. Ene yare bosheng BOPA ya etela kgaolo ya Okavango ee nang le merafe ka go farologana mme gareng ga yone gona le Baherero, lefelo ke motsana wa Habu meraka yone ba e bitsa bare Kakanaga.
Re gorogile koo go santse gole mo mosong mme ka modimo o saje nkabo, ra fitlhela dimakatso, a tsene kafa tlase ga maradu mosadi wa Moherero a ntsha bosweu, lehulo la teng ekare go dirisiwa matshine. Sese hakgamatsang ke gore motho oka akanya gore fa ba dira tiro e, batlaa rola ditukwi le mesese ya bone e go lebegang ele bokete e.
Ka ane a bona kgakgamalo e kgolo mo matlhong a rona, Mme Rachel Tjihumino o ne are tlhalosetsa gore ka tlholego ya bone, bo-mme ke bone ba ba gamang fa bo-rre tiro ya bone ele go phutha dikgomo le go netefatsa gore maradu aa katisiwa.
A re ngwao ya bone e rotloetsa gore fa ngwana wa mosetsana ale dingwaga tse di borobabongwe goya kwa godimo abo a simolola go rutwa go gama, a tlatsa ka gore legale bone gaba tshwane le merafe e mengwe ee berekisang bana ba ba kwa tlase ga dingwaga le gone goba ntsha mo sekolong.
Mme Tjihumino a re se se botlhokwa ka gore fa ngwana yoo aka bona monna wa moherero, go gama ke sengwe sa dilo tsea tshwanetseng gore abo adi itse fa aya go simolola lelwapa. Bontsi jwa bo-rre bare buisaneng le bone ba tlhalositse fago gama ele tiro ya bo-mme ka ele bone ba salang le bana mme ba tshwanetse go netefatsa gore ba aja.
Mongwe oka akanya gore se bo-rre ba baherero ba se dirang ke botshwakga ka jaana re fitlhetse rre wa lelwapa a iketlile a ntse mo setilong sa dikgole ekare kgosi ya bogologolo fa mme wa gagwe ene ale ko sakeng. Are ere ntswa Baherero ba santse ba itshegeditse ka ngwao eya bone, gona le matshosetsi a gore e a nyelela ka jaana banana ba bone ba itewa tsebe ke dingwao tsa merafe e mengwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Gumare
Event : Potsolotso
Date : 27 Sep 2013






