Phokoje go tshela yo o dithetsenyana
27 Sep 2013
Mme Mosalagae Samoka o sale a simolola kgwebo ya merogo dingwaga tse tlhano tse di fetileng.
E rile a ntse a tsweletse a utlwa mokgosi wa gore puso e boloditse letsholo la go thusa balemi ba merogo go dira ditshingwana mo digotlong. Ka e le setswerere sa temo ya mohuta o, a rwala ditlhako mme a ikopanya le ba temo-thuo mo Gumare go botsisisa sentle ka lenaneo le la go nyeletsa lehuma mo diromamoweng mme ya nna mafoko a amolemo thata moditsebe tsa gagwe. Ka go twe phokoje go tshela yo o dithetsenyana, o ile a seka a itsapa mme a bona gore a tswe jang gore a tle a kgone go akola lenaneo le.
“Ke ne ka seka ka tlogela monyetla o, mme e rile ngwaga o o simolola ba nketela go tla go ntemela ba temo-thuo. Ba ne ba aga tshingwana ya merogo le gone go baya moriti o o sireletsang dijalo”. Samoka areo nea fiwa le melawana ya go tlhokomela dijalogore a seka a dirisa metsi a mantis. O buile gore go bo ka nako e temo ya gagwe ya merogo e dira sentle, ke gore go reetsa ditaelo. Kaene o ne a ntse a rata go lema merogo, ga go aka ga nna dingalo gore a tsweledise toro e ya gagwe.
Se sengwe se a se etseng tlhoko mogo tsweledisa temo ya merogo ke gore go tlhkafalagore motho aitshephegore o na le bokgoni le go botsa ba temo-thuo ka sepe se a sa setlhaloganyeng. Otlhalosa gore fela fa a bona diji o a ba bolelela mme batle ka melemo go di bolaya.
“Se sengwe ke gone go tlhokomela temo ya gagokego ntsha mhero kgapetsakgapetsa le gone go kopa thuso mo baitseanapeng.”
Temo ya merogo e tsisitse pharologanyo e tona mo botshelong jwa gagwe. O tlhalosa gore ka a ne antse ana le tshingwana kwa morago, go ile ga oketsa le O tlhalosa gore o dira lekgolo le masome a matlhano fa a tsamaya a rekisa ka letsatsiO tshwaetse gore temo e eka nna le mosola mo matshelong a Batswana fela fa e ka tsewa ka tlhoafalo.
A gakolola gore go botlhokwa go rata se motho ase dirang. A re fa puso e ka thusa gape ka go batlela balemi ba babotlanammaraka, baka tswelela thata, abuaka fabangwe ba nyatsang ka teng mme kgwebo ya merogo e le bogadi bo gaufi.
O ikaelela gore fa kgwebo e ntse e tsweletse alememerogo ka mefutamo tshimong e tona. O akgola puso gobo e dirile lenaneo le mme a gakolola setshabagore sele aramelele santse le tlhabile. O tlhalositse gore tirisanyole batho le yone e botlhokwa ka e mo thusitse go tswelela a rekisa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : Gumare
Event : Potsolotso
Date : 27 Sep 2013






