Matlhagatlhaga a go ipelela boipuso a ile tlase
26 Sep 2013
Go lebega matlhagatlhaga a go ipelela letsatsi la boipuso a tsweletse ka go wela tlase. Mopalamente wa Boteti bokone, Rre Slumber Tsogwane o buile jalo fa a tshwere phuthego ya kgotla kwa Rakops, a supa fa go le botlhokwa go ipelela boipuso ka meletlo ya seemo se se kwa godimo e bile e tletse ka boitumelo.
A re jaaka Batswana ba ipaakanyetsa moletlo wa boipuso jwa dingwaga tse di masome mane le bosupa, ba tshwanetse go ikgakolola bokao jwa letsatsi le. Mopalamente Tsogwane a re jaaka ngwaga wa tebelopele wa 2016 o atamela, go tshwanetse go bonala koketsego ya tshologelo le go tlhaloganya bokao jwa boipuso mo Batswaneng.
Rre Tsogwane o gakolotse Batswana go dirisa letsatsi la boipuso go tsosolosa ngwao ka go supa mmino le metshameko ya maloba, ba bo ba supe fa ba ipaakanyeditse go wetsa maitlamo a matshego a tebelopele. O tlhalositse gore le maitlamo a tebelopele ya lefatshe ka bophara, a rotloetsa mafatshe ka bongwe ka bongwe go dira mananeo a a netefatsang gore ka 2015 go bo go na le ditlamelo tse di lekaneng tsa boitekanelo le thuto.
E rile a ntsha la gagwe, Kgosi Gonkgang Mankgatau wa Rakops o ne a tlhalosa gore boeteledipele jwa motse le komiti e e baakanyetsang boipuso ba tsere tshwetso ya gore morafe o ipele mmogo kwa kgotleng. A re mo dingwageng tse di fetileng, morafe wa Rakops o ntse o ipela o le makgamu, boipuso bo jelwa kwa dikgotlaneng.
O supile gore tsamaiso ya go ipela ba kgaoganye e isitse seemo sa meletlo kwa tlase, ka jalo monongwaga ba tsere tshwetso ya go phuthela morafe kwa kgotleng ya motse, go busetsa serodumo sa boipuso. Kgosi Mankgatau a re bangwe ba ngongoregela gore go ipelela kwa kgotleng e tona go ka nna ga kgoreletsa tsamaiso e ba e tlwaetseng ya go titiela bojalwa jwa Setswana, jaaka ba tshela ba dira kwa dikgotlaneng.
Le fa go ntse jalo Kgosi Mankgatau morafe o gololesegile go omela le go nwela bojalwa jwa Setswana mo kgotleng ka letsatsi leo, mme a gatelela gore ba itshware sentle. Mo go tse dingwe, Mopalamente Tsogwane o gakolotse baagi ba Rakops gore ngwaga le ngwaga Tautona o aba dietsele tsa Batswana ba ba dirang ka natla go tlhabolola lefatshe le matshelo a batho ka bongwe ka bongwe mme o tshwenngwa ke gore morafe wa kgaolo ya gagwe o nyafalela go ntsha maina a ba ba ka abelwang dietsele tseo.
A re bangwe ba ba abelwang dietsele, ke ba e kileng ya bo e le badiri mo dingwageng tsa maloba mme ba thusa thata mo go rotloetseng puso ya batho ka batho. O supile gape gore go na le batho ba ba dirang ditiro tse di supang le go somarela ngwao, bangwe ba dira ditiro tsa go ithaopa ba thusa go tlhabolola matshelo, ba rotloetsa le go dira ditiro tse di thusang go nyeletsa lehuma.
O kopile morafe wa Rakops go lomagana le bodiredi jwa ofisi ya ga mopalamente, gore ba kgone go kwadisa maina a ba ba tshwanetseng go fiwa dietsele. O supile gore kgaolo potlana ya Boteti e na le palo e ntsi ya batho ba ba diretseng setshaba, ka jalo ba tlhoka go lebogwa.
A re bangwe ba bone ba thusitse go simolodisa metse mengwe fa ba bangwe ba tswa kgakala ba direla dikomiti dingwe mo motseng ka botswapelo. Mopalamente o gakolotse gape gore setshaba se ikwadisetse ditlhopho ka dipalo tse di bonalang, a supa fa tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe e le go dira jalo, a tlatsa ka gore go tlhopha kemedi e e nonofileng ke tsela ya go nonotsha puso ya batho ka batho.
O gateletse thata gore morafe o tswelele ka go rapelela pula le go lwantsha segajaja sa bolwetse jwa AIDS gammogo le kgokgontsho ya bomme le bana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : Letlhakane
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 26 Sep 2013






