Breaking News

Baithuti ka bontsi ba tlogela sekoe

26 Sep 2013

Baithuti ba le lesome le boraro ba sekole sa magare sa Nkange kwa kgaolong potlana ya Tutume, ba dule mo sekoleng ka lebaka la boimana dikgwedi tse di  ferang bongwe tse d  fetileng.

Mafoko ao a builw  ke mogokgo wa sekole seo sa Nkange, Rre Kgopotso Mphuthe, fa a ne a lekodisa ka dikgwetlho tse  ba nang  natso mo  sekoleng. Rre Mphuthe a re se  se ngomolang pelo ke gore  bana bao ba imisiwa ke batho ba sele ga go na epe kgang e mo go yone,  moithuti a imisitsweng  yo mongwe.

O ile  a  gwetlha  batsadi  go  tsibogela  kgang  ya  boimana  jwa baithuti ka dipalo di nna  di oketsega ngwaga le  ngwaga  gape  go  ama  maduo  a sekole. Mogokgo o ile a re kgwetlho nngwe e ba nang  le  yone  ke  ya  baithuti  ba  ba  tsamaya  sekgele  se  seleele  go  ya  sekole, a re  seo  se ama maduo a bana ka ba  goroga ba lapile mme  ba se ke ba kgone go reetsa  sentle.

O tlhalositse fa  sekole  se  dira sentle mo dithutong  gammogo le mo metshamekong. A re sekole se  mo maemong a  ntlha  mo maduong a  lekwalo la  boraro a  ngogola  mo  kgaolong  ya  Tutume, e bile  ba  ne  ba  atswiwa  ka  madi  a kana ka  P20 000  le  P10 000  wa sekole  se  se itikeleng.

Sebui sa tlotla  sa  letsatsi  leo, mmueledi  wa  kompone ya  Isaac  Seloko and  company, Rre   Isaac  Seloko  o ne a  gwetlha  baithuti  go  tlhoafalela  dithuto  tsa  bone. Rre Seloko o ile a re fa ba  le mo botshelong  ba  tshwanetse  go  lora  ba  tshwana le bangwe bahumi   ka jalo seo  se  tlaa  ba  rotloetsa  gore  ba kgone go  ipetlela tsela ya botshelo ba  sa le  bannyenyane.

O ile a ba kgothatsa go senka dikitso kana go dira  dipatlisiso mo maranyaneng  a sesha go  leka  go  anywa  kitso. A re bone  ba  sego  ka  ga  ba  tshwane  nako  ya  bone  ka  gone go  se na  maranyane  le  one  motlakase mme  ba  kgonne  go  fitlhelela  maikaelelo a bone ntswa ba ne ba lebanwe ke  dikgwetlho tse di kalo. Sekole sa  Nkange se amogela  baithuti ba ba tswang kwa metseng ya  Senete, Mabua, Changate le Nkange. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Buendasi

Location : Tutume

Event : Phuthego

Date : 26 Sep 2013