Tshwaragano e ka fedisa dipolaano
26 Sep 2013
Mothusa molaodi wa Serowe Rre Ewetse Selelo, a re go botlhokwa gore setshaba se tshwaragane mo ntweng kgatlhanong le go ipolaya.O buile se mo moletlong wa mafatshe wa thibelo ya letsatsi wa go ipolaya, e e neng e tshwerwe kwa motseng wa Mogorosi mo bosheng.
Moono wa letsatsi le, le le ketekwang ngwaga le ngwaga lefatshe ka bophara kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi a le lesome, e ne e le “kgethololo, konono e kgolo e e itsang kganelo ya go ipolaya”.
Molaodi Selelo a re Kgethololo e ntsi thata mo setshabeng bogolo jang mo balwetseng ba tlhaloganyo, le ba ba lekileng go ipolaya mme ke ka moo bontsi bo felelang bo tsaya tshwetso ya go ipolaya.
A re go fetola mekgwa le ngwao mabapi le bolwetse jwa tlhaloganyo le go ipolaya, go tlhoka seabe sa mongwe le mongwe. O kopile batsena moletlo oo go tla ka maiteko a go ka akantshana ka methale ya go emisa seru sa go ikgapela botshelo. Mooki wa balwetse ba tlhaloganyo kwa kokelong ya Sekgoma Memorial, Mme Malebogo Motsokono, a re mangwe a mabaka a a dirang gore batho ba ipolae a farologane, jaana kgatelelo ya maikutlo, go kgokgontshiwa, ditagi le tse dingwe.
A re go le gantsi batho ba ba felelang ba lwala tlhaloganyo kana ba ipolaya, ba a bo ba tlhokile mongwe o ba ka buwang le ene ka nako ya kutlobotlhoko kana kgatelelo ya maikutlo. O boleletse phuthego e bontsi e neng e le banana gore le fa go ntse jalo, fa motho a iphitlhela a le mo seemong seo, go na le kwa a ka batlang thuso teng go na le gore a ikgapele botshelo.
A re maphata a tshwana le la sepodisi, la boipelego le gone hela go bolelela mongwe kana tsala goka thusa thata go na le gore motho a felele a ikgapela botshelo. Assistant Superindent Molefhe Molefhe, a re dipalo tsa dikgetse tsa go ipolaya go tswa mo ofising ya sepodisi mo Serowe, di supa gore go kwadisitswe kgetse tseo di le lesome le bongwe ka ngwaga wa 2011.
Ka ngwaga wa 2012 go kwadisitswe tse di lesome le bobedi, fa ka ngwaga wa 2013, go kwadisitswe tse lesome le boraro. Mo kgetseng tsa go bolaya kgotsa matshosetsi a go bolawa, go kwadisitse tse masome mararo ka ngwaga wa 2011, ka ngawaga wa 2012 go kwadisetswe tse lesome le bongwe fa ka ngwaga wa 2013 go kwadisitse di le lesome le boraro.
Mme Motsokono tlhalositse fa dipalo tsa kgaolwana ya mothamo e e tsenyang Mogorosi mo teng di oketsegile fela thata mme a kopa banana go bona gore di a fokotsega. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Serowe
Event : Letsatsi la thibelo go ipolaya
Date : 26 Sep 2013






