Bodiredi jwa khansele bo gopola Modimo
25 Sep 2013
Bodiredi jwa khansele ya bokone bophirima bo ne bo kokoane kwa dikagong tsa khansele ka moono wa go rapelela dikgwetlho tse di apereng lefatshe leno.
E ne ya re mokwaledi wa khansele, Rre Kwele Puso a bolela maikaelelo a kokoano eo, a tlhalosa fa ba dira ditso ka jaana e le la ntlha ba tshwara tiro ya sebopego seo. A re se ba se dirang ke tshimologo ka le bone ba lemoga fa thapelo e le yone konokono mo go rarabololeng dikgwetlho tse di apereng lefatshe.
Rre Puso o boletse fa maiakelelo magolo a tiro eo e le go kopana le morafe ka moono wa go kopa ditshegofatso kwa Modimong. A re mafoko a Baebele a bolela gore fa bana ba motho ba kopane lentswe la bone le tlaa goroga mme le arabiwe.
A re maikaelelo ke go rapelela diemo jaaka malwetsi a a sa foleng, komelelo e e anameng mo lefatsheng ka ntlha ya letlhoko la pula, leuba, ditlhalano, dipolaano, borukutlhi le dithubetso tse tsotlhe a reng di bakwa ke mmaba. A re lefoko la Modimo le thapelo di nonofetse go kgalema seemo seo mme a supa fa ba na le tsholofelo ya gore ba tlaa arabiwa.
Modulasetilo wa khansele, Rre Latlhang Molonda le ene o ne a tshwaela ka gore se ba se dirang ke karabo ka jaana tautona a boloditse Letsholo la dithapelo tsa pula. A re o dumela gore mo Modimong ga go sepe se se ka palang a tlatsa ka gore se se botlhokwa ke tumelo le poifo Modimo. Rre Molonda a re Modimo ga a reetse dithapelo tsa batho ba dipelo tsa bone di kwatlaletseng.
O ne a leboga tautona a bo a mo tshwantshanya le motlhanka wa Modimo Solomon yo o botlhale a supa fa tautona a tletswe ke lesedi la go kopa dikereke go ema ka dinao go rapelela pula. A re mo kgaolong ya bokone bophirma ke selelo le khuranyo ya meno ka jaana baagi ba dikile ba latlhegetswe ke leruo le feta 15 000 ka ntlha ya leuba.
A re o dumela fa ngwaga ono go tlaa nna le dipula tse di nametsang mme batho ba kgone go ipeela ditema go ijesa. E ne ya re a lebogela tiro, mothusa mokwaledi wa khansele Rre Masiela Mandoze a galaletsa barulganyi ba tiro eo a supa fa e le ruri merapelo ya bone e tlaa arabiwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Maun
Event : Letsatsi la thapelo
Date : 25 Sep 2013






