Breaking News

Theko ya leruo e nnile le dikgwetlho

25 Sep 2013

Makhanselara  a kgaolo ya Borwa a re e re ntswa ba atla mogopolo wa go rekela barui ba kgaolo ya Zone 6 le 7 leruo, thulaganyo eo e nnile le dikgwetlho tse di neng tsa baya barui bangwe ka fa mosing.

Makhanselara ba buile jalo jaaka ba ne ba akgela mo mafokong a modulasetilo mo phuthegong ya khansele ka Labobedi. Mokhanselara wa kgaolwana ya Samane, Rre Burunyane Rantalajwe a re barui bangwe ba ne ba solofeditswe go duelelwa leruo leo mo lebakeng la beke, mme ga tsaya sebaka ba sa duelwe.

A re se se neng se ngomola pelo e ne e le gore batho ba ne ba sa itsisiwa mabaka a tiego ya dituelo. Rre Rantalajwe, yo e bileng e le modulasetilo wa kgaolo potlana ya Mabutsane o boletse fa go le botlhokwa gore barui ba bolelelwe boammaaruri mabapi le dituelo tsa bone ka jaana ba tloga ba goga dinao go thusanya le puso mo kgannye e.

E rile a tswa la gagwe, mokhanselara wa Khakhea, Mme Virginia Kono a supa fa kgang ya theko ya leruo e ne e sa phatlaladiwa ka botlalo ka jalo e timile ba ba neng ba na le keletso go rekisetsa puso dikgomo sebaka.

O kopile gore mo nakong e e tlang boeteledipele bo akaretsa makhanselara bo bolelelwe nako e sale teng ba tle ba thuse go anamisa molaetsa ka digoagowe. E ne e rile a bula phuthego ya khansele eo ka Mosupologo, modulasetilo Rre Leach Tlhomelang a kopa gore barui ba rotloediwe go rekisa leruo la bone gore go thusiwe bangwe ka bone ba ba udubaditsweng ke bolwetse jwa tlhako le molomo kwa kgaolong ya Zone 6 le 7.

A re e re ntswa ditlhotlhwa tse puso e rekang ka tsone di le kwa tlase, ba rotloediwa go rekisetsa puso fela ka lone lemme leo, mme e bile tshwanelo e le gore ba duelwe mo malatsing a a sa feteng lesome. O boletse fa kgomo ya dingwaga tse di fa gare ga bobedi le bone e rekwa P2 500, fa poo ya dingwaga tseo yone e rekwa ka P3 500.

A re mo dihutshaneng, nku kana podi e namagadi ya dingwaga tse di fa gare ga bobedi le bone e rekwa ka makgolo a supa mme tlhotlhwa ya e tonanyana ya dingwaga tse di tshwanang e le P1 400. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : Kanye

Event : Phuthego ya khansele

Date : 25 Sep 2013