Breaking News

Ba Ramatlabama ba akgola ofisi ya mosireletsi

25 Sep 2013

Banni ba Ramatlabama ba akgoletse ofisi ya mosireletsi go ba ruta ka ditirelo tsa yone.

Bangwe ba baagi ba motse oo ba  tlhalositse  fa ba ne ba sena kitso epe ka ofisi eo mme ba ne ba lebogela dithuto tsa badiri ba ofisi eo. Fa godimo ga moo ba boletse fa ba ne ba na le dingongorego tse ba neng ba sa itse gore ba ka ikuela kae mme ba supa fa jaanong ba itse gore tsela pedi ba tsaya e fe ka ba ne ba supa gore ga ba thusiwe sentle mo makalaneng a puso le a a ikemetseng.

Moanamisa mafoko wa ofisi eo, Rre Fenny Letshwiti ene o ne a tlhalosa fa e tlhomilwe go amogela dingongorego  tsa setshaba ka boitsholo jo bo sa tshwanelang jwa bodirela puso kana makalana a a ikemetseng a a thusiwang ke puso.

A re tiro ya bone ke go tsereganya le go sireletsa setshaba kgatlhanong le tsamaiso e e sokameng a tlhalosa fa ba sa itebaganya le setshaba fela a re le bodiredi jwa puso bo ka ikuela kwa go bone tebang le dilo dingwe tse di amang ditiro tsa bone fa di sa tsamaisiwe sentle.

O ne a gatelela kgang ya gore pele ga ba ikuela kwa ofising ya mosireletsi ba netefatse gore ba latedisa dikgang tsa bone a tlatsa ka gore go botlhokwa gore ba tsee maina a ba ba ba thusang gore go seka ga nna le ketsaetsego fa ba ile go ikuela. O tlhalositse fa ba na le dithata tsa go botsolotsa mongwe le mongwe fela jaaka kgotla kgolo ya ditsheko go sa kgathalesege gore motho ke wa maemo a fe.

O tsweletse a re ofisi eo e nnile mo tirisong semmuso ka ngwaga wa 1997 morago ga dikgang tsa go gopela itsholelo tse di neng di le kwa kgaolong ya Kweneng tse mo go tsone bangwe ba neng ba ikabela ditsha kwa Mogoditshane.

O ne a tlhalosa fa Tautona e le ene a tlhomang mosireletsi a ikopantse le moeteledipele wa kganetso kwa palamenteng a tlatsa ka gore mosireletsi wa ntlha go tlhomiwa e ne e le Rre Lethebe  Maine mme wa bobedi ya nna Rre Ofentse Lepodise.

Fa a bua ka dikgang tse ba sa di tlhotlhomiseng Rre Letlhogonolo Itshabeng o ne a tlhalosa fa ba sa amane le dikgang tsa tshireletsego ya lefatshe, dikgang tse di fa gare ga mmuso wa lefatshe leno le mafatshe a mangwe.

O ne gape a supa fa ba sa tlhotlhomise dikgang tsa borukhutlhi le dingongorego tsa badirela puso tse di amang khiro ya bone. O tsweletse a re dikgang tsotlhe tse ba sa amaneng le tsone di na le ba di ba lebaneng a a fa sekai ka tsa tshireletsego ya lefatshe a re tseo di lebane ba sesole sa Botswana le ba ofisi ya DIS.

O ne a gwetlha banni go dirisa ofisi ya bone fa ba na le dipotso tse di tlhokang dikarabo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Lobatse

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 25 Sep 2013