Breaking News

Silent kills e itebaganya le HIV

25 Sep 2013

Mokgatlho wa bobelotlhomogi wa Silence Kills Support Group,  wa kgaolwana ya Botshabelo kwa Selebi Phikwe,  o o itebagantseng le twantsho ya mogare wa HIV  le go ntsifala ga go ratana ga bong jo bo tshwanang le go nna le bakapelo ba  bantsi, o boloditse letsholo la go  lwantsha kanamo ya mogare wa HIV.

E rile a amogela mokgatlho  oo mo kgotleng, kgosi ya kgaolwana ya Botshabelo, Mme  Olebogeng Mojuta, a re go sa ntse go na le  bothata jo botona jo bo amileng lefatshe, bogolo jang jwa kanamo ya mogare wa HIV.

O rotloeditse Batswana go fetola boitshwaro jwa bone, ka gore botshelo jwa bone bo tla pele, ka jalo ba tshwanetse go itlhatlhobela malwetse ka go farologana jaaka thosola le rasephiphi, a bo a ba rotloetsa go dirisa sekausu. Kgosi Mojuta o kgadile dipolaano tsa baratani le go nna le bakapelo ba bantsi, a re   bana ba basimane ba tlhoka  boikarabelo ka go fa bakapelo ba bone dikarata tsa madi gore fa kgwedi e fela, e nne bone ba tsayang madi kwa dipolokelong.

O supile matshwenyego ka kgokgontsho ya borre ba ba sa berekeng, a rotloetsa bomme go ba tlotla. Moruti wa kereke ya Rara, Rre David Tukishi, o ne a ntsha lefoko la kgothatso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Pauline Mothudi

Location : Selebi Phikwe

Event : Phuthego ya mokgatlho

Date : 25 Sep 2013