Banana ba kgothadiwa go itshepha
25 Sep 2013
Mokgothatsi wa monana kwa Selebi Phikwe, Rre Oteng Moilwa, o rotloeditse banana ba toropo eo go fetola maikutlo a bone.
O buile jalo kwa thutapuisanong e e neng e tshwerwe kwa holong ya Selebi Phikwe bosheng. A re banana ba tshwanetse go itshepha, go dumela mo go ene a ba a dirisa mafoko a ga Tautona wa America a a supang gore motho mongwe le mongwe o ka kgona se a eletsang go se dira.
Mooki kwa kokelong ya Selebi Phikwe, Rre Toitoi Toito a re banana ba tshwanetse go ikatametsa fa kokelong ka bofefo fa ba sa tsoga sentle. Rre Toitoi a re go ngomola pelo go bona motho a ile kokelong go setse go se na thuso epe e ba ka mo thusang ka yone.
Mooki wa kokelwana ya Sesame, Rre Seipato Nkape a re go ima ga banana go ile magoletsa. O tlhalositse fa dingwaga tse di siametseng gore motho wa mme a nne le ngwana wa ntlha e le tse di masome a mabedi le boraro ka gore ke gone jaaka mebele ya bone e tlaa bo e godile sentle gape go ka ba fema gore ba se ka ba nna le diphatsa tsa pelegi ya loaro.
Mothusa mookamela mapodisi Rre Gogang Pule, o tlhalositse fa dipalo di supa fa kgokgontsho e ile kwa godimo bogolo thata mo bakapelong ba banana.
O kopile banana gore ba itse go ikemela ka dinao. A re banana ke batho ba ba ratang go itshokela botlhoko mo ba felelang ba bolaane. O ba kopile gape go ikatametsa kwa go mmakaseterata le mo go bone ba sepodisi fa ba tlhagelwa ke mathata a.
Mme Pauline Makale, wa mokgatlho wa Silence Kills, ene a re banana ba tlotlile go inyadisa thata. A re banana ba bomme ba na le go iphudusa kwa magabone ba ya go nna le bakapelo ba bone segolo thata kwa matlong a moepo le a sesole.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esaleone Molaodi
Location : Selibe Phikwe
Event : Thutopusianyo
Date : 25 Sep 2013






