Breaking News

Puso e fa bomme dithata

25 Sep 2013

Puso e itlamile go fa bomme dithata, e le tsela ya go rotloetsa tekatekano ya bong.

Mafoko a a builwe ke tona wa lephata la pereko le selegae, Rre Edwin Batshu, kwa dipuisanong tsa bagolwane, tsa go amanya dikgang tsa bong le ba mehama ya tlhokomelo ya madi a setshaba mono Gaborone. Tona Batshu a re ba gwetlhilwe go dira jalo ke maduo a dipatlisiso tsa dikgang tsa bong, a a ntshitsweng ka ngwaga wa 2000, kwa Beijing.

O tlhalositse gore maduo ao a ne a gwetlha mebuso go itebaganya le dikgang tsa bong mo mererong ya madi le ditogamaano tsa ditlhabololo. A re dingwe tsa tse di tshwanetseng go dirwa ke go neela maphata madi a a lekaneng go diragatsa mananeo a a lebaganeng le maitlamo ao ga mmogo le go latedisa ka fa a tlaa diragadiwang ka teng.  

Rre Batshu o ne a sedimosa gore madi a setshaba gantsi ke one a a dirisiwang go godisa mehama e e tshwanang le wa bong le boipelego, ka jalo a gwetlha batlhokomedi ba madi a setshaba go sekegela mhama wa bong tsebe.

A re lefatshe la Botswana ke leloko la mokgatlho wa mafatshefatshe o o neelang batho botlhe dithata tsa go nna le seabe mo ditogamaanong tsa ditlhabololo, ka jalo go tshwanetse go supega mo mananeong a lone gore dikgang tsa bong di tsewa tsia. A re lefatshe la Botswana le tlhoka maitlamo a a tsepameng a go godisa mhama wa tekatekanyo ya bong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Gaborone

Event : Dipuisanyo tsa bagolwane ka bong

Date : 25 Sep 2013