Banni ba itumelela mogopolo wa molelwane
25 Sep 2013
Baagi ba kgotla ya Mathumo kwa Tutume, ba re ba itumelela tshutiso ya molao o o laolang batho gore ba thusiwe fa molelwaneng o le mongwe fa ba etela kwa mafatsheng a sele, e seng jaaka pele fa ba ne ba thusiwa mo dikgorong tsa mafatshe oo mabedi.
Ba supile seo mo phuthegong ya kgotla e tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo ya Nkange, Rre Edwin Batshu kwa kgotleng eo bosheng. Ba re seo se tlaa fefosa mesepele ya batho.
Rre Batshu, yo ebileng e le tona wa pereko le selegae, o ne a ba rerisa ka melao e e sa tswang go fetisiwa kwa palamenteng jaaka o o akaretsang molao wa makgotla a Setswana. A re dituelo tsa dikatlholo mo makgotleng a Setswana di okeditswe go tswa mo go P50 go ya kwa go P500.
O ne gape a re go dumalanwe ka tsamaiso ya diphologolo tsa naga, a re go tswa kgakala kgotlhang ya batho le diphologolo e sa rarabologe.
A re ka tsamaiso eo, ba tlaa leka go ntsha megopolo ya gore ba ka tshela jang le diphologolo.
Tona Batshu o ne a bolela fa dituelo tsa phimolo dikeledi fa balemi-barui ba senyeditswe ke diphologolo di fetotswe go duelwa go lebilwe ka fa tshenyo e diragetseng ka teng. Mo go tse dingwe, Rre Batshu o ne a ba kopa go itlhatlhobela mogare wa HIV, a re bolwetse jwa AIDS ga bo ise bo bone kalafi ka jalo ba ikgaphe mo tlhakanelong dikobo e e sa sireletsegang gape le go hema kanamo e ntsha.
O ile a ba kopa go rotloetsa bana ba bone ba ba lekaneng go ikwadisetsa ditlhopho go dira jalo ka nako ya ikwadiso ditlhopho, e e simololang ka kgwedi ya Phalane. O ile a rotloetsa banni go ntshafatsa bo Omang ba bone ba sa ntse ba saletswe ke dikgwedi tse di lesome.
Rre Tshabang Nkhare o ne a lela ka mananeo a banana a re a beile bangwe ka fa mosing ka ga ba kgone go fitlhelela tse di batlegang ka ntlha ya go tlhoka madi a go dira tse di batlegang. Tona o ne a araba ka go re puso e leka ka bojotlhe go ntsha ka mananeo le go a tokafatsa go thusa banana.
A re puso e ikaeletse go thusa banana ka bontsi, go ba ntsha mo lenaneong la Ipelegeng. A re le thulaganyo ya go boela gape kwa sekoleng ke tsela nngwe ya go thusa banana ba ba nyoretsweng go ithuta go tsweledisa dithuto tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Buendasi
Location : Tutume
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 25 Sep 2013






