Breaking News

Batsadi ba kopiwa go tsena diphuthego

24 Sep 2013

Batsadi ba bana ba sekole se sebotlana sa Mookane, ba rotloeditswe go tsena diphuthego tsa  barutabana le batsadi.

Mafoko a a  builwe ke monni wa motse oo, Mme Pinkie Setlalekgosi, yo o neng a simolodisa semmuso go direla le go thusa sekole seo. Mme Setlalekgosi o itlamile gore mo dingwageng tse tharo tse di tlang, a thuse  sekole seo. O ne a kopa botsadi go pataganela thuto ya bana le barutabana.

O kgothaditse batsadi go tsaya boikarabelo jwa go latedisa thuto ya bana ba bone, bogolo jang ka ba le gaufi, a a fa sekai sa go re batsadi ba bana ba bone ba tsenang dikole kwa ditoropong ba  tsena diphuthego ntswa ba dira. Mme Setlalekgosi o tlhalositse fa a ne a ngomolwa pelo ke tebego ya sekole seo  ga mmogo le maduo a a kwa tlase a ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa.

O boletse fa maikaelelo a gagwe e le go thusa go tlhabolola sekole seo, gore se tshwane le tse di kwa ditoropong, a re seo se ka diragala fa go na le maikemisetso le thotloetso ya botsadi e e mashetla. A re o ne a ngomolwa pelo ke matlwana a boitiketso a bana ba sekole, ka a ne a le mo seemong se se hutsafatsang, a a bayang botsogo mo diphatseng.

O ne a kopa baithaopi ba le bane go phepafatsa matlo ao, mme a solofetsa  go ba tlhokomelela bana ba le babedi mo lelwapeng lengwe le lengwe la baithaopi bao. Mme Setlalekgosi a  re o amilwe thata ke bana bangwe ba ba yang sekoleng ba sa rwala ditlhako tsa sekolo, ba sa  apara dijesi, mme ka jalo a re o ikemiseditse gore go se nne ngwana ope yo o tlaa bonwang a sa felela ka paka ya sekole.

Mme Setlalekgosi o ne a kgothatsa barutabana go dira tiro ya bone ka mashetla, ba itse fa ba na le boikarabelo mo kokomaneng ya lefatshe leno. Mme Setlalekgosi o ne a penta matlo a borutelo kwa sekoleng seo, a bo a tsenya motlakase, bodilo jo bo borethe  mo ofising ya mogokgo gammogo le sefetlhaphefo.

E rile bosheng jaana, Mme Setlalekgosi  a abela sekole seo motshine o o ntsifatsang dipampiri, o na le fax mme a supa fa a tlaa  buisana le ba khansele e potlana ya Mahalapye, go aga ofisi  ya dikhompiutara,  a tlatsa ka gore o ikaelela gore e re pele ga kgwedi ya Mopitlo e fela ngwaga o o tlang, a bo a neetse  sekole seo dikhompiutara,   mme ebile a tlhalosa gore go setse go na le moithaopi yo o tlaa thusang go ba ruta.

Mme Setlalekgosi o ne a kopa bangwe ka ene go direla metse ya bone, a tlatsa ka go  re batsadi ba ba nnang  mo gae ba ka tsenya letsogo ka  go ithaopa go feela, go baakanya terata fa e senyegile, go thusa bana go bala, ba netefatsa Setswana se se reng mosalagae, molelo o sa time.
BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Chikumbudzi

Location : Mahalapye

Event : Tshimolodiso semmuso

Date : 24 Sep 2013