Breaking News

Tlhokomelo ya bana e ka fokotsa borukutlhi

24 Sep 2013

Tona wa ofisi ya ga Tautona le bodirela puso e bile e le mopalamente wa Moshupa, Rre Mokgweetsi Masisi, o kopile borre gore ba tlhokomele bana ba bone, ba se ka ba imetsa bommaabo.

Rre Masisi o buile se fa a simolodisa tiriso ya diphala tse di tlhabang mokgosi, kwa Moshupa mo bekeng e e fetileng. A re fa borre ba sa tlhokomele bana go ka dira gore bommabana ba imelwe ke go ba kgalemela, go ba tlhokomela le go ba laola, a re se se ka dira gore bana ba go nna jalo ba fetoge dirukutlhi.

Rre Masisi a re ba tshwentswe ke borukutlhi a bo a re kgaolo ya gagwe e dikile e di goga kwa pele mo dikgannyeng tsa borukutlhi, bogolo jang motsana wa Ralekgetho, o mo go one batho ba neng ba bolaya ba bangwe ba bo ba ipolaya. O bile a kopa dikgosi gore fa ba nyadisa ba ne ba bua le banyalani ba ba kopa gore ba ye go tshedisana sentle, go  fokotsa ditlamorago, tse di akaretsang borukutlhi.

A re fa borukutlhi bo ya kwa godimo,  bagwebi ba tlaa tshaba go bula madirelo, ka jalo diphatlha tsa ditiro di ye tlase. A re bana ba tshwanetse go otlhaiwa ka thupa, a bo a tlhalosa gore ngwana fa a otlhaiwa sentle ka thupa ga go na mathata.

Rre Masisi a re molato ke fa ngwana a tshedisediwa mo thupeng a re ngwana wa go nna jalo o kgona go fetoga seganana. Mopalamente o ne a supegetsa batsena moletlo oo kopi le setlankana se mapodisi a Moshupa a se ikgapetseng, e le sesupo sa gore ba gaisitse mapodisi a kgaolo yotlhe ya borwa.

Mogolwane wa mapodisi a Moshupa, Assistant Superintendent Michael Maphephu, a re ba bone go tshwanela gore ba tlhabe mokgosi ka ba ne ba bona borukutlhi bo tsaya phekelo e sele mo kgaolong ya bone.

Superintendent  Maphephu a re kwa motseng wa Moshupa, batho ba tseelwa ditsabone ka go tsenelelwa mo matlong ba ntse ba le teng fa ba bangwe ba phamolelwa dibeke ba fologa mo dipalamong tsa setshaba. A re ba dule ka mogopolo wa diphala ba bona e re batho ba kuwa go bo go sena yo o ba tswang thuso, a bo a  kopa badirisi ba diphala tseo gore ba se ka ba di letsa  go sena lebaka.

Superintendent Maphephu a re phala e mosola fela thata fa batho ba e dirisa ka fa tshwanelong, a re go botlhokwa gore batho ba dumalane mo dikgotleng gore ya bone e tlaa lediwa jang. Modulasetilo wa komiti ya twantsho borukutlhi, Rre Otukile Tsalaile o ne a lebogela gore borukutlhi  bo wetse tlase. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : Moshupa

Event : Tshimolodiso semmuso

Date : 24 Sep 2013