Thuto ke konokono
24 Sep 2013
Tona wa Itshireletso, Molao le Thokgamo, Rre Dikgakgamatso Seretse a re thuto ke mmangmang. Fa a bua kwa letsatsing la go rola motlobo wa dibuka o o abilweng ke ba Botswana Insurance Holdings Limited (BIHL) trust ba golagane le ba Sebilo Book Services ba abela sekole se sebotlana sa Chakaloba kwa Topisi ka Labotlhano, Rre Seretse o boletse fa thuto e aga setshaba go itse molemo le bosula.
A re batsadi ba tshwanelwa ke go lemotsha bana ba bone botlhokwa jwa thuto le gore ke khumo e go senang yo o ka ba e amogang. Rre Seretse a re sekole sa Chakaloba se tshwanetse se ipone se le sego go bo se nnile nngwe ya tse di rotloeditsweng morago ga ikuelo ya puso ya go kopa thotloetso ya dikole mo dikomponeng tse di ikemetseng ka nosi.
A re motlobo oo wa dibuka o tla a nna le seabe mo thutong ya bana ka ba tla a itlhatlhelela dikitso tse di farologaneng. O ne a kopa bogogi jwa sekole seo go tshwara ka natla mo go fetoleng maduo a sekole seo se go bolelwang fa maduo a sone a lekwalo lwa bosupa a bana ba ngwaga o o fetileng a ne a le kwa tlase.
O ne a supa matshwenyego a gore batsadi bangwe ba ikgatholositse thuto ya bana ba bone ntswa e le bone ba tshwanetseng go bontsha bana tsela. Moemedi wa ba BIHL Rre Bakwena Oitsile o ne a bolela fa ba abetse sekole seo mpho ya motlobo wa dibuka ka tsholofelo ya gore e tla a thusa barutabana mo maitekong a bone a go tsholetsa maduo a sone.
A re ga se lantlha ba aba ka ba abile dilwana tse di farologaneng di tshwana le go duelela baithuti ba ba ikoketsang kwa mmadikolo le go duelela bana ba ba tlhokang mme ba tlhoafaletse dithuto kwa sekoleng sa Maruapula.
Rre Oitsile a re sekole sa Chakaloba ke nngwe ya dikole tse di lesome tse ba di abetseng motlobo wa dibuka mo ngwageng ono Mogokgo wa sekole sa Chakaloba Mme Nkomeng Bolaane o ne a lebogela motlobo oo wa dibuka a bolela fa o tla a ba thusa bana mo dithutong tsa bone. O ne a leboga batsadi ba bana ba sekole seo go nna ba tsibogela dipitso tsa bogogi jwa sekole. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Palapye
Event : Letsatsi la motlobo wa dibuka
Date : 24 Sep 2013






