Breaking News

Palapye o amilwe ke dikgang tsa phiro

24 Sep 2013

E re jaaka motse wa Palapye o tsweletse ka go tlhabologa, dikgang tsa mohiri le mohiriwa le tsone di golela pele. Banni ba Palapye ba supile fa se se sa ba jese diwelang ka Batswana ba jewa ntsoma ntswa dikompone tse di mo motseng oo di duelwa ke puso.

Fa ba bua mo phuthegong ya kgotla, e e neng e tshwerwe ke tona wa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu, baagi ba tlhalositse fa dikgang tse di ba apesitse kobo ka letshoba, ba tlhalosa fa ofisi ya pereko kwa Palapye e retelelwa ke go tseela bahiri le bahiriwa ba ba sa tleng fa ba bidiwa dikgato.

Bontsi jwa bone, bogolo jang banana, ba tlhalositse fa ba latlhegetswe ke ditiro e se ka fa tsamaisong, ba ba sena go gana go fetisa dithoto tse di sa dirwang sentle. Ba re go fetisa dithoto tse di sa dirwang ka tlhamalalo go supa go tlhoka boikarabelo e bile go senyetsa puso madi, ka e felela e tsena mo mathateng e tshwanelwa ke go baakanya, dikompone tsa batswakwa tsone di tsamaile.

Mafoko a bone a ile a gatelelwa ke mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya, yo o neng a tlhalosetsa tona fa dikgang tse e le boammaaruri, a re dikgotla tshekelo tsa dikgang tsa khiro mo lefatsheng leno ga di a lekana, ka jalo go tlhokega gore di okediwe mme a kopa gore nngwe ya tsone e agiwe kwa Palapye gore baagi ba Palapye le metse e e mabapi ba kgone ba bone ditirelo gaufi.

O kopile tona gore fa dikompone tsa Batswana di na le bokgoni, e nne tsone tse di abelwang ditiro. Rre Batshu o tlhalositse fa bothata jo bo ka alafiwa ke paakanyo ya molao, gore o neele ba ofisi ya pereko dithata tsa go gatela ba ba  sa obameleng taelo ya bone dikgato. O solofeditse gore ofisi ya gagwe e tlaa sekaseka go baakanya  molao wa phiro, go itebaganya le dikgang tse.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : Palapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 24 Sep 2013