Breaking News

UB e kopiwa go boela sekano sa pele

24 Sep 2013

Bogogi jwa University ya Botswana bo kopilwe go busetsa mo tirosong sekano sa pele se se supang bokao jo bo nonofileng ka go runya ga sekole seo.

Makhanselara a Bokone Bophirima a kopile seo ka bongwefela jwa pelo morago ga gore bagolwane ba mmadikole ba role pego ka go fetola sekano sa pele le gone go utlwa maikutlo a bone ka se sesha. Ba supa fa sekano sa pele se supa fa mmadikole a agilwe ka mowa wa boipelego mme sa gompieno sone se sena kgogedi le fa e le bokao bope.

Ba re ga go maleba go fetola sekano sa ntlha ka jaana se bolela gore sekole seo se agilwe jang e bile se agelwa eng. Ba re sekano sa pele se se nang le kgomo, lebele, ditena, dinaka le buka ke sekao sa gore sekole seo se agilwe ka dinako tse dithata ke bagolo ba pele ka ba ne ba ikaegile thata ka temo-thuo.

Ba tsweletse fa bagolo bao ba ne ba lemoga fa thuto e le botlhokwa e bile e le yone bokamoso mme ba thulanya ditlhogo ba kopa gore mongwe le mongwe a ntshe seabe sa kgomo go fitlhela ba bo ba kgona go aga mmadikole.

E ne e rile go le pele, mogolwane go tswa kwa mmadikole, Mme Mhitsana Reetsang a tlhalosa fa sekano sa pele se sale se dirisiwa ka ngwaga wa 1982 mme e ne ya re nako e ntse e tsamaya ba khansele ya mamdikole ba gakolola gore a nako ga e ya goroga gore ba fetole sekano seo ka maikaelelo a go itepatepanya le tlhabololo le phadisanyo ka jaana dikole tse dingwe tse di tona di ne di runya.

O boletse fa ba ne ba tlamega go fetola sekano sa ntlha mme ba dira sa bobedi se le sone se sa farologaneng thata le sa ntlha ka jaana se kaya dinaka le lebele tse di supang tswelelo pele, buka e e supang thuto. A re e re le ntswa ba ne ba dirisa se sesha, mo ditlankaneng tsa dialogane gone go supagala sa pele.

E re dikgang di eme jalo bagolwane ba ofisi ya twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo (DCEC) le bone ba ne ba nna le sebaka sa go rerisa makhanselara fa ba ikaelela go atumetsa ditlamelo kwa bathong ka ba lemogile fa di bonala fela mo ditoropong tse ditona jaaka Gaborone le Francistown. Mogolwane wa ofisi eo Rre Pane Masupe o ne a itsise makhanselara fa ba baakanyetsa letsatsi la National Anti Corruption le le tla ipelelwang mo Maun kgwedi ya Sedimonthole e le malatsi a ferabongwe.

O boletse fa tona wa ofisi ya ga tautona le bodirela puso Rre Mokgweetsi Masisi a solofetswe go tla go bula tiro eo semmuso e e tla tshwarelwang kwa lobaleng lo logolo lwa metshameko. Makhanselara a kopile go ema tiro eo nokeng gore e atlege ka jaana moono e le go lwantsha tshwenyetso setshaba le go gogopela itsholelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : Maun

Event : Phuthego ya khansele

Date : 24 Sep 2013