Tlotlang pina ya setshaba
23 Sep 2013
Tona wa ofisi ya ga Tautona le Bodirela Puso, Rre Mokgweetsi Masisi, o kopile badiri ba ofisi eo go nna sekao fa ba opela pina ya setshaba.
Tona Masisi o buile jalo bosheng, fa badiri ba ofisi ya ga Tautona ba ne ba ile go direla setshaba kwa Mogobane. Ba ne ba agela bana ba sekole sa bananyana loobo, ba jala ditlhare mo sekoleng seo le go se ntlafatsa ka go penta fa bana ba tshamekelang teng. Rre Masisi o tlhalositse fa pina ya setshaba e tshwanetse ya opelwa ka tshisibalo le go fiwa tlotla.
A re fa motho a opela pina eo, o tshwanetse a dira jalo ka tlhoafalo, e bile mafoko a yone a tshwanetse go tlhaba moopedi mo pelong.
A re borre ba tshwanetse go rola dihutshe, ba phutholole mabogo, ba eme felo go le gongwe go fitlhelela e fela. Rre Masisi o ne a akgolela badiri ba Ofisi ya ga Tautona go nna le seabe mo go direleng setshaba ka go tlhakana le sone, ka go dira jalo go aga tirisanyo le tshwaragano.
Tona Masisi o ne a tlhalosa gore mogopolo wa go direla setshaba o dule ka Tautona, a sena go bona fa mowa wa go agisanya mo setshabeng o wela tlase.
Ka jalo, a re Tautona o ne a ntsha taelo ya gore badirela puso ba nne ba tswela kwa ntle ga diofisi go direla setshaba, go tiisa botsalano fa gare ga bone le setshaba se ba se thusang malatsi otlhe. O ne a ipega ka go re, “Re tsile kwano Kgosi, go supa maitseo a rona a a kwa godimo, re tsile ka lorato kwano re le Batswana re tswa gongwe le gongwe mo Botswana, ka gore bana ba re ba direlang fa, ke ba rona.”
Kgosi Mosadi Seboko wa Balete, o ne a lebogela badiri ba ofisi ya ga Tautona lorato le boithaopo. A re tiro eo e gwetlha Motswana mongwe le mongwe go ititaya ga thupana gore ba itirele, ba se ka ba leba go fiwa fela. Sekole seo se ne sa abelwa le mealo, didirisiwa tsa metshameko le ditlhare. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bonang Masolotate
Location : Ramotswa
Event : Letsatsi la go thusa setshaba
Date : 23 Sep 2013






