Dikhwaere di supa kutlwelobotlhoko
23 Sep 2013
Dikhwaere di fera bobedi tsa lekgotla la dikereke tse di ikopantseng di abetse motlhoki mongwe wa kwa Nata P10 000. Lekgotla leo le bopilwe ka dikereke tsa Methodist, Dutch Reform, Anglican Lutheran ya Botswana, Lontone, Roma le Corpus Christ,
Cheke eo e abetswe lekgotla la dikereke la Botswana kwa Methodist, mo boemong jwa ga Mme Chandapiwa Mojapudi, yo o sa tlholeng a le mo botshelong. Mokgatlho o wa dikereke tse di ikopantseng, o tlhamilwe ka 1998, ka maikaelelo a go thusa ba ba tlhokileng lesego.
Modulasetilo wa mekgatlho, Mme Bonolo Burns, o boletse mo potsolotsong gore maikaelelo a bone ke go agela mme yoo ntlo ka ba lemogile gore ga a na bonno, mme ba setse ba mo thusitse go bona setsha se ba eletsang go agela bana ba gagwe ntlo mo go sone.
O ne a tlhalosa gore mokgatlho oo o setse o thusitse mekgatlho le makgotla a a farologanyeng mo lefatsheng leno, a supa fa ba aname le lefatshe leno go fitlhelela ba ba sa itsholelang
Mme Burns a re ba setse ba thusitse mekgatlho le makgotla a ba-na-le bogole jaaka Podulogong, Motswedi, Anestine, Lephoi, Ramotswa le a mangwe. A re ba kgobokanya madi ngwaga le ngwaga ka moopelo, mme ba lebaleba ba ba tlhokang thuso ba bo ba ba abela.
O ne a tlhalosa gore lekgotla la bone le itlhomile kwa pele ka gore e rile fa Tautona a ikuela gore setshaba se thuse, bone ba bo ba sa le ba monetse marulana pele ka go tsenya letsogo mo go tlhabololeng matshelo a batho. O gateletse ka go re Mokeresete o bonwa ka ditiro, bopelotlhomogi le mowa wa kutlwelobotlhoko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : Gaborone
Event : Kabelo motlhoki
Date : 23 Sep 2013






