Breaking News

Mapodisi a Selebi Phikwe tsibosa setshaba

23 Sep 2013

Baagi ba toropo ya Selebi Phikwe le metse e e mabapi ba gakolotswe go dirisa lenaneo la ntebele ke go lebele ka ke lone le ka sireletsang matshelo a bone, dithoto tsa bone le leruo.

Mogolwane wa mapodisi a Selibe Phikwe Superintendent Victor Nlebesi o ne a bua jalo ko thutuntshong ya go iphemela mo dirukutlhing kwa Selibi phikwe . A re lenaneo leo le ka berekela batho ka go bolelela mapodisi fa ba belaela mongwe kana koloi e e sa tlwaelesega mo baagisaning. O boletse fa bontsi jwa dirukutlhi tseo e le tsa letso la Zimbabwe. O ba kopile thata gore ba itsane le baagisani ba bone ka go ka  ba tlhofofaletsa tiro thata. Rre Nlebesi a re pele ga babereki ba mo lapeng ba thapiwa, mohiri o tshwanetse go tlhomamisa gore ga a thape serukutlhi.

A re ofisi ya tsa pereko e teng go thusa go tlhomamisa gore a yo o hirwang ga se serukutlhi. O ba gakolotse go agelela malwapa a bone sentle gore go tle go ba thuse go bona bosupi fa ba ne ba tlhasetswe. O ne a ba  gakolola go rua dintsa le go tsenya dikapa ditshwantsho  gore di tle di ba tsibose fa go na le diphatsa dingwe. O kopile gore dibanka di dirisiwe thata go bolokela madi ka ke one a okang dirukuthi. O feleditse ka go kopa setsaba go dirisa dipalamo tsa setshaba ka jaanong malatsi a boipuso a atamela le go kopa gore bakgweetsi ba emise bojalwa  ka ba a bo ba tshwere matshelo a batho fa bapagami bone ba tshwanetse go tsenya mabante ka nako tsotlhe.

Rre Noah Space Makaba wa ipabalelo ya moepo wa Selebi Phikwe, a re mapodisi ba tlhokana le tirisano mmogo mo setshabeng jaanong a kopa gore fa go diragetse tiragalo ya borukuthi ba itsisiwe. Le ene o ne a gatelela gore le fa motho a batla go nna leloko la boithaopi (cluster) o tshwanetse go bo  iseke a dire  borukuthi. O kopile gore go tsenngwe mabati a a kganelang magodu go tsena mo matlong. O ne a bolela fa le bone ko moepong ba amiwa thata ke borukutlhi ka megala ya kopore le yone e utswiwa. A re go bolelelwe mapodisi fa go belalelwa bogodu ja megala eo.

Kgosi Tumelo Kgari I o tlhalositse fa seabe sa mekgatlho ya  thusano borukutlhi  le lenaneo la ntebele ke go lebele di ntsha maduo a a nametsang ka di bereka mmogo le ba sepodisi e bile selo se se fokotsa borukutlhi. A re dikgwetlho tse di ba lebaneng ba le mekgatlho ke dikoloi mo e leng gore bosupi bo timela di ntse di emetswe go tla. O boletse fa le go tlhoka kutlwisisano mo mekgatlhong go ka dira gore tiro e diege go dirwa. Rre Kgari a re metsamao ya masigo e rotloetsa borukutlhi ka gore bangwe ba batsamai bao ke dirukutlhi fa babangwe e le ba ba tswang dikerekeng tse di tswang masigo. O boletse gore seemo seo gape se rotloetsa dipetelelo tse di anamisang mogare wa HIV/AIDS. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esaleone Molaodi

Location : Gaborone

Event : Ithuthuntsho ya twantsho borukutlhi

Date : 23 Sep 2013