Lenaneo la go tsaya melemo le tlaa lekelediwa
23 Sep 2013
E re ka melemo e tsweletse ka go tlhaela, puso e bone go le botoka go lekeletsa lenaneo le ka lone balwetse ba tlaa bong ba letlelesega go tsaya melemo mo marekisetsong a beng kgotsa dikokelo tsa Batswana tse di rekisang melemo.
E rile mothusa tona wa tsa botsogo, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri a bua bosheng a tlhalosa gore lenaneo le, le tlaa bo le itebagantse thata le malwetse a a tshwenyang batho ka bontsi gore e nne one a dikhemisiti di thusang ka melemo ya one.
O tsweletse a re molwetse mongwe le mongwe yo o tlaa bong a kwadisitswe kwa kokelong ya puso o tlaa neelwa karata e e kgethegileng mme a kgone go itlhophela marekisetso a motswana ape fela go tsaya dipilisi le melemo, teng.
O tlhalositse gape gore balwetse ba tlaa bo ba thusiwa kwa dikokelong tsa puso pele mme morago ba e go tsaya melemo jalo kwa dikhemising ba itshupa ka karata eo. O tlhalositse gore molwetse o tlaa bo a neelwa melemo fela a sa duele ka go duela puso. Mothusa tona o bile a re lekgotla la dithuso tsa kalafi la badiredi ba puso la BPOMAS, e tlaa nna lone le neelwang madi a theko ya melemo go duela dikhemisi.
O tlhalositse fa tekeletso e tlaa simolola mono Gaborone le Francistown ka e le one mafelo a a mosuke o montsi fa melemo e abiwang teng, e bile go tlhomame gore mafelo a, a na le Batswana ba ba nang le dikhemisi.
O bile a re ga go ree gore lenaneo le le tsile go akolwa ke ba Gaborone le Francistown fela mme fa molwetse a ile kwa mafelong a, a bo a alafiwa teng a bo a fiwa karata e e kgethegileng e, o na le tshwanelo ya go ipatlela dipilisi kwa khemising. Mothusa tona o tsweletse a tlhalosa gore lenaneo le le tlaa lekelediwa ngwaga fela mme morago go sekasekwe go bona gore a le mosola go ka tsweledisiwa le go dirisiwa kgotsa jang.
O kopile batho go tlhaloganya gore, go kgona go tsaya melemo kwa khemising go tlhokana le gore a bo a kwadisitswe kwa kokelong ya puso,e bile karata e e kgethegileng eo e tlaa bo e le yone e ba tshwanetseng go tlhomamisa gore ba e neetswe morago ga ikwadiso.
Le fa go ntse jalo mothusa tona o boletse fa go na le ditirelo dingwe tse balwetse ba tlaa di akolang kwa spatela sa Scottish Livingstone. O boletse gore jaanong sepatela sa boitseanape ja matlho se simolotse go dira e bile balwetse jaanong ba tlaa bona thuso ka bofefo. Rre Matlhabaphiri tladitse ka gore fa godimo ga moo, go tlhomilwe kokelwana e balwetse ba ba gateletsweng ba tlaa bong ba okelwa teng.
Mothusa tona o ne a rotloetsa morafe go dirisa ditlamelo tse mme ba gakologelwe gore Botswana o aperwe ke lenyora mme ka moo ditirelo tse dingwe di tlaa seke di kgona go dira sentle.
O kopile morafe gore o inele baoki le dingaka diatla metsing fa seemo sa go nna jaana se diragala mme a tlhalosa gore kgabagare seemo sa metsi se tlaa rarabololwa.
Morafe o ne wa lebogela ditlamelo tse di begilweng, mme ba bolela fa lenaneo la melemo e le le le ntle e bile le tlaa ba thusa thata ka e bile le botsogo jwa bone bo tlaa tlokafadiwa ke go tsaya melemo ka fa tshwanelong le ka malatsi le dioura tse di beilweng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Boikanyo Sarefo
Location : Gaborone
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Sep 2013






