Baithuti ba rotloediwa go tsaya karolo
23 Sep 2013
Mogolwane wa dikolo tse dipotlana mo borwa Rre Motsamai Phuthego a re botsadi, barutana le bana ke bone batsaya karolo mo thutong. Rre phuthego o buile jalo bosheng mo moletlong wa kabo dikgele wa bana ba sekolo se sebotlana sa Khakhea, a tlhalosa fa motsadi a tshwanetse go ruta ngwana maitseo,go tlotla barutabana le motsadi mongwe le mongwe a kaya fa e le yone thuto mo baneng.
Rre Phuthego o tsweletse a re go pataganela tiro ya sekolo go aga isago ya ngwana. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa batsadi ba tshwanetse go itse gore ngwana o ka ba tshidisa le gone go thusa lefatshe la Botswana go gola mo mehameng e e farologaneng.
O boletse fa bana ba tlhoka thotloetso ya batsadi mo dithutong tsa bone gore le bone ba kgone go phadisana le babangwe ba ba dirang sentle mo dithutong. Fa a ema baithuti ka lefoko la kgothatso , Rre Phuthego o rotloeditse baithuti go tsaya dithuto tsa bone ka tlhoafalo le gore ba tshwanetse go tlhologanya gore go na le nako ya go tshameka le ya go tlhoafala.
O tsweletse ka go rotloetsa baithuti go tsaya tiro e ba e fiwang kwa sekolong ka keletlhoko ka e le yone e betlang bokamoso jwa bone. O sedimositse fa Lephata la Thuto le eletsa go bona barutabana ba rotloetsa le go lemotsha baithuti ka botlhokwa jwa go tsaya thuto tsia. Rre Phuteng o gakolotse batsadi ba ba neng ba tsile phuthegong go tshwaragana le barutabana go tokafatsa maduo a bana le go aga boitshwaro jo bo ntle.
Fa a ntsha la gagwe Ratoropo wa Jwaneng Rre Amos Jahana yo o etleeditseng sekole ka dikete tse pedi tsa dipula, o ne a rotloetsa sekole go ipeela seelo sa maduo a ditlhatlhobo ka go dira jalo go ka thusa mo tokafatsong maduo ke sekole. E ne rile a lekodisa batsena moletlo ,mogokgo wa sekolo Mme Vinga Mongwaketse a supa fa maduo a sekolo a sa kgatlhise ka bana ba sa tsene sekolo sentle mme bontsi jwa nako ba nna fela kwa malwapeng.
O gateletse gore batsadi ba rotloetse bana go tla sekolong ka e le bone batlhokomedi ba bone. Moletlo o o ne o rotloeditswe ke Ratoropo wa Jwaneng, morafe,komiti ya motse le ya botsamaisi jwa sekolo le kompone ya Landscape Solotions e e neng ya abela sekolo ditlhare tsa maungo le tsa meriti di le masome a matlhano, kgato e e kailweng e le go rotloetsa mowa wa go somarela tikologo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Jwaneng
Event : Moletlo wa kabo dikgele
Date : 23 Sep 2013






