Kgosi o akgola morafe
24 Jan 2013
Mafoko a a boletsweng ke motsalwa pele a a reng tsebe go reelediwa e gole, e e teng e ya itheeletsa go lebega a agile mo ditlhaloganyong tsa banni ba Khekhenye ka ba tsenelela diphuthego tsa kgotla ka dipalo tse nametsang.
E rile a bua mo phuthegong e e neng e buisiwa ke ba botsogo go tswa Letlhakeng jaaka ba ne ba ile go ruta morafe ka go ikgapha mo go tsenweng ke mogare le go tlhokomela ba ba tsenweng ke mogare, Kgosi ya motse oo, kgosi Sekelere Kgope o tlhalositse fa a itumeletse ka fa ba tsenelelang diphuthego tsa kgotla ka teng ka go supafala fa ba na le kgatlhego mo go tse di buiwang mo motseng wa bone.
Kgosi Kgope o boleletse morafe go amogela batho ba ba tshelang le mogare ka ba tlhoka lerato gore ba ikamogele. O gakolotse bao ba tshelang le mogare go ikamogela pele ga batho ba ka ba amogela.
Mokhanselara wa kgaolo, Mme Beauty Bogale o ne a kopa morafe go tsaya dikgakololo tse ba di neetsweng ka tlhoafalo. O gakolotse morafe go tshwaragana le puso go lwantsha bolwetsi jo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Madianakedi
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego
Date : 24 Jan 2013






