Jwaneng o ipaakanyetsa boipuso
22 Sep 2013
Molaodi wa toropo ya Jwaneng, Rre Richard Boitshwarelo o kopile banni ba toropo eo go tla ka maano a go tsosolosa meletlo ya boipuso.
Rre Boitshwarelo a re puso e tshwentswe ke ka fa Batswana ba sa tlholeng na tsaya meletlo eo tsia ka teng, ka jalo go diga bokao le boleng jwa boipuso. O buile jalo kwa phuthegong ya morafe e e neng e buisiwa ke boeteledipele jwa toropo bosheng.
“Puso e itemogetse fa Batswana ba sa tlhole ba na le kgatlhego e e kalo mo go ketekeng letsatsi la boipuso le ntswa e le letsatsi le le tshwanetseng go tsewa ka manontlhotlho e be le fiwe seriti se se rileng". Rre Boitshwarelo a re meletlo e tshwana le ya letsatsi la boipuso ke yone e ka thusang lefatshe leno go fitlhelela maikaelelo a lone a go nna tshaba e e bopaganeng ka ngwaga wa 2016.
A re se ke ka go bo letsatsi le le supa dingwao tse di farologanyeng tsa merafe ya Botswana, e e tshelang ka thokgamo le kutlwisisanyo mmogo. A re fa Batswana ba ka seke ba eme ka dinao ba tsosolosa serodumo sa letsatsi la boipuso, dingwao tsa lefatshe leno le tsone di tlaa nyelela mme dikokomane di tle go di bala fela mo mekwalong.
O boletse fa go le botlhokwa gore banana le bone ba nne le seabe mo meletlong ya go nna jaana, gore le bone bat le ka megopolo e mesha ya go ipelela letsatsi la boipuso. A re se se botlhokwa ka jaana ngwao e fetoga le ditlhabololo, mme banana ele bone ba ka thusang gore letsatsi la boipuso le tswelele le na le boleng.
Molaodi o boletse gore ere ka jaana lefatshe leno le tlaabe le ipelela dingwaga di le masome a matlhano le ipusa ka 2016, go tshwanetse ga simololwa go ipaakanyetsa moletlo o motona oo gompieno. A re moletlo wa boipuso ke wa beng gae eseng badirelapuso, ka jalo go botlhokwa gore morafe e nne one o etelelang merero ya moletlo o pele.
A re seabe sa badirelapuso ke go thus aka dithulaganyo le ditsompelo fela mme morafe one o itirele tiro ka botlalo. Rre Boitshwarelo o kopile gore batho a ititeye ka thupana ba tseye dikarolo tse di farologanyeng go rulaganyetsa moletlo oo, ele go o natefisa le go o busetsa seriti se se o tshwanetseng.
Erile a tswa la gagwe, Kgosi Segale Letshele a re ere ntswa malatsi a boipuso a diretswe go ipelela ipuso ya lefatshe leno, bangwe ba dirisa malatsi ao botlhaswa ebile ba se mo moonong wa moletlo wa boipuso. O rotloeditse batho gore ba fokotse nnotagi ebe ba kgweetse ka kelotlhoko ka jaana bontsi jwa batho ba nna le dikotsi ka malatsi a boipuso.
A re o lemotshegile fa tsela ya Kanye/Jwaneng e tshabelelwa ke dikotsi, ka jalo a rotloetsa gore batho ba ele tlhoko ntlha e, ba bo ba tsibose ba masika le ditsala go fema dikotsi. Kgosi Letshele gape o kopile morafe go babalela dithuto kwa malwapeng ka jaana bontsi jwa borukutlhi bo dirwa ka malatsi a boitapoloso a tshwana le jwa boipuso.
Mongwe wa banana b aba neng ba tsene phuthego eo Letumile Tukunase o ne a tlhalosa fa ele boammaruri banana ba ntse ba ikgogetse kwa morago mo ditirong tsa toropo eo di akaretsa go ipelela boipuso. A re se se dirwa ke gore bogogi jwa motse bo ntse bo neela badirelapuso ditiro tsotlhe mme morafe o sale o sena seabe sepe.
O tshepisitse fa jaanong ba tla a ikatumetsa gore le bone seabe sa bone se bonale, ebile ba solofetsa go dirisa ditalente tsa bone tse di farologanyeng go tlhabolola le go natetsha moletlo oo. A re se se tla a thusa gape gore go seka ga tsewa badiragatsi ba mafelo a sele bat la go natefisa mme le bone ba le teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : Gaborone
Event : Phuthego
Date : 22 Sep 2013






