Breaking News

Puso e lwantsha bogodu jwa leruo

22 Sep 2013

Tona wa Itshireletso, Molao le Thokgamo, Rre Dikgakgamatso Seretse o simolodisitse thulaganyo ya letsholo la go lwantsha bogodu jwa leruo ko morakeng wa Lechana gaufi le Palapye.

Fa a simolodisa thulaganyo e ka Labotlhano, Rre Seretse o tlhalositse fa puso e lemogile fa bogodu jwa leruo bo apesitse lefatshe leno bogolo jang kgaolo ya legare kobo ka letshoba. A re puso e itlamile go tlhabolola kanamo ya mapodisi le go etelwa kgapetsakgapetsa ga baithaopi ba ba thusang go lwantsha borukutlhi ga mmogo le go ba neela dikoloi tse di faphegileng tse di tla kgonang go tsamaya mo ditseleng tsa masimo le tse di sa tsamaegeng.

A re maikaelelo a mangwe ke gore go nne le kgolagano fa gare ga mapodisi, sechaba, ba bosekisi ga mmogo le banaleseabe ba bangwe gore ba kgone go lwantsha bogodu jwa leruo ba le seopo sengwe.

A re mapodisi a le nosi ga a kake a kgona go bogodu ba leruo go sena tshwaragano le sechaba le bana le seabe ba makalana a mangwe. A re ke sone se puso e tsereng kgato gore go nne le batlhotlhomisi gammogo le basekisi go thusa mapodisi. A re go tsile go dirisiwa baitseanape ba maranyane ba ba faphegileng go tlhotlhomisa dikgang tsa bogodu jwa leruo go thusa go nonotsha bosupi.

Rre Seretse a re go tsile go nna le dithuto puisano tsa banaleseabe ele tsela ya gore lephata la gagwe le atlege mo twantshong bogodu jo. Mo godimo ga se, a re puso e tla a tlhoma lekalana mo sepodising gore le itebaganye le bogodu jwa leruo gore ba sireletse itsholelo ya Batswana.

A re go nnile gape le molao o itebagantseng le bogodu jwa leruo ka go lemosegile fa leruo le le botlhokwa fela thata. Le fa go tse jalo fa puso e simolodisa baithaopi ba twantsho borukuthi ba cluster policing go tlhabolola twantsho borukuthi, Batswana ba ile ba wa dipanta bas a tlhole ba thusa go lwantsha borukuthi.

A re Batswana ga se chaba e agilweng ka madi mme a ba rotloetsa gore e nne bone matlho a leruo la bone. A re fa e ne ese dikgwetlho, maikaelelo a gagwe ke gore maphata a itshireletso a seka a tlhoka ditsompelo gore maikaelelo a bone a seka a retela.

Fa a tswa la gagwe, ramapodisi, Rre Keabetswe Makgophe a re go tshwara tiro ya mofuta o kwa Lechana e ne e le go gakololana gore seabe sa montswana mongwe le mongwe ke eng le go lekodisa dikgwetlho tse di aparetseng ba sepodisi ga mmogo le go godisa tshwaragano ya sechaba le sepodisi.

A re mo malatsing a leruo le tsewa fela mo masakeng mme a tlhalosa fa maikaelelo e le go upa gore go seka ga tlhola go utlwala dikgang tsa bogodu jwa leruo. Le fa go ntse jalo a re Batswana ba thusa go tshwara dirukutlhi mathata ke gore ba felela ba tsholola dikgetsi ntswa go sentswe didirisiwa tsa puso go dira ditlhotlhomiso.

A re o rotloetsa bo bosekisi go gana fa motho a batla go tsholola kgetsi. Rre Makgophe a re matimela a saila gongwe le gongwe mo go rokotsang magodu a leruo. O rotloeditse barui go ntsha dikgomo mo ditseleng. A re beng ba dikgomo ga ba etele meraka kgapetsa kgapetsa ka jalo ga ba itse dikgomo tsa bone, mme di itsiwe ke badisa, a tlhalosa fa bongwe borukuthi bo dirwa ke badisa.

A re dikgomo ga di tshubiwe ka nako mme se se fe dirukutlhi sebaka sa go utswa. A re se se thatafatsa ditlhotlhomiso mme fa dikgang tse di isiwa fa pele ga basekisi, Batswana ba lela gore bo-mmakaseterata ba ntsha dirukutlhi.

Moemela dikgosi mo kgaolong e kwa ntlong ya dikgosi Kgosi Sello Moroka o lebogetse thulaganyo ya tshimolodiso ya twantsho bogodu ba leruo. A re ele ba bogosi ba ikemiseditse go ema lekalana la twantsho bogodu ba leruo la sepodisi nokeng, a re go a supa gore puso e eme Batswana nokeng.

Letsatsi le lene le tshwerwe ka setlhogo se se reng: Go atolosa go tsaya karolo ga sechaba mo go lwantsheng bogodu jwa leruo go yak o ngwageng wa 2016. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : Palapye

Event : Tshimolodiso semmuso

Date : 22 Sep 2013