Babalelang dikoloi tsa puso
22 Sep 2013
Tona wa lephata la botsogo, Dr John Seakgosing, o gwetlhile bakgweetsi ba dikoloi tsa puso go di babalela.
E rile a bua kwa diphuthegong tsa kgotla, tse di neng di tshwerwe ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama bosheng, Tona Seakgosing, a tlhalosa fa maphata a puso ka bontsi a se na dikoloi ka ntlha ya gore di senyegetse ruri. A re e re le ntswa bontsi jwa tsone di senngwa ke gore ditsela dingwe ga di a siama, bakgweetsi bangwe le bone ba na le seabe mo tshenyong eo ka ba sa di kgweetse sentle.
O ba kopile go di kgweetsa ka kelelelo gore di kgone go solegela setshaba, molemo, bogolo jang kwa metseng e go se nang ditlamelo ka di dirisiwa thata teng. Tona o ne a araba dilelo tsa badulasetilo ba ditlhabololo, tsa metse eo, ba ba neng ba itela ka letlhoko la dikoloi. A re le fa go ntse jalo, dikoloi di tletse kwa lephateng la dikoloi tsa puso la CTO ka gore go na le letlhoko le letona la madi mo lefatsheng ka jalo dikoloi di tsaya lobaka di ile go baakanngwa.
Tona Seakgosing o ne a tlhalosa gore lephata la gagwe le tsere tshwetso ya gore kwa mafelong a a kgakala e bile go na le le letlhoko la dikoloi, fa moithaopi mongwe mo motseng a ka isa molwetse kwa kokelong, a atswiwe. O ne a tlhalosa gore thulaganyo e ga e simologe, mme ka jalo go tshwanetse ga nna le bosupi go tswa kwa mooking.
A re ba lemogile fa letlhoko la dikoloi bogolo jang kwa mafelong a a kgakala le le legolo, mme ka thuso ya setshaba matshelo a ka bolokesega. Mo go tse dingwe, mogolwane wa kwa koporase ya Water Utilities (WUC) Rre Meshack Balebetse, o ne a kopa baagi ba metse eo go nna keletlhoko le go somarela metsi.
Rre Balebetse o ne a tlhalosa gore go na le letlhoko le le ntsi la metsi mo lefatsheng ka bophara, mme fa setshaba le sone se ka nna le sebae mo go somareleng thothi go ka nna botoka. O ne a tlhalosa gore lephata la WUC jaanong le batla go simolola tiriso ya metsi ka dikarata bogolo jang kwa go nang le dipompo tsa setshaba ka e le gone kwa go lemogilweng fa metsi a sa dirisiwe metsi sentle.
Kwa motseng wa Khwee, Rre Balebetse a re ba tshwenngwa ke gore e re go na le letlhoko la metsi le lentsi, barui bangwe ba nosa leruo la bone metsi a morafe mme go felele go se na metsi gotlhelele.
A re go nosa leruo metsi a setshaba ga go a siama gotlhelele, mme a ba kopa gore a metsi a dirisiwe sentle ka fa tshwanelong. Kwa Letlhakane Rre Balebetse o ne a tlhalosetsa banni fa ditiro tsa go tsaya metsi kwa didibeng tsa Diphuduhudu le Seipone di simolotse mme ka jalo banni ba tlaa nna le metsi.
O ne a tlhalosa gore metsi a, gape a tlaa bo a tlhatswiwa go fokotsa letswai le le mo go one. A re motse wa Letlhakane o a gola mme ka jalo o na le le letlhoko la metsi le legolo, a tlatsa ka gore le gone fela jaaka kwa Khwee go tsile go nna le dipompo tsa tuelo go bona fa metsi a a dirisiwa sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : Letlhakane
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 Sep 2013






