Ba Letsholathebe ba a ipela
22 Sep 2013
Mongwe wa dikgosana tsa Sechele, Kgosi Gill Sechele, o akgoletse morafe wa Letsholathebe kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba go supa kgatlhego mo ngwaong le setso sa bone.
Kgosi Sechele o buile jalo jaaka baagi ba Letsholathebe ba ne ba ipelela ngwao kgwedi eno e le lesome le boferabobedi. A re ngwao e botlhokwa thata mo matshelong a batho ka e supa mekgwa ya bone, e bile e ka ba kaela ka fa ba tshwanetseng go tshela ka teng mmogo le go supa ka fa ba tlholegileng ka teng. Kgosi Sechele a re dingwe tse di ka supang ngwao ya batho ke diteme, kapari, dijo, mmino le ditsamaiso tsa mediro ka go farologana.
O tlhalositse le go re ngwao e ka thusa go dibela batho go inaakanya le bosula, ka jalo a gwetlha morafe wa Letsholathebe go tswelela ka maiteko a bone a go tshegetsa ngwao, ka go nna ba ipelela letsatsi la ngwao gore bagolo ba e fetisetse kwa bagolong go ya baneng, ka Motswana a re boswa jwa tau ke letlalo.
Moeteledipele wa merero ya ngwao kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, Kgosi Fredah Mosojane, o ne a tlhalosa go re puso e ne a tlhoma lephata le le lebaganeng le merero ya ngwao, ka e lemogile gore e setse e tswa batho ka phatlha tsa menwana.
A re sengwe se se dirang gore dingwao tsa merafe di nyelele, ke go bo go se na gope fa go kwadilweng teng ka dingwao tsa merafe ka go farologana, a re ke ka moo puso e rotloetsang merafe go tsosolosa dingwao tsa bone le go kwala ditso ka ga tsone. Kgosi Mosojane o ne a kopa bagolo ba ba nang le kitso nngwe ka ngwao ya bone, go e rolela ba ba tlhophilweng go phutha kitso eo.
O ne a bo a gwetlha baagi ba kgaolo ya Bokone Batlhaba gore ba se ka ba tlhabisiwa ditlhong ke ngwao ya bone mme ba inaakanye le mmino wa setso ga mmogo le ditiro tsa ngwao ya bone ka tshosologo, a bo a ba tlhagisa go re ba se ka ba itewa tsebe ke dingwao tsa merafe e sele.
Kgosi Mosojane o ne tlhalosa le go re go tsena dikereke ga go a tshwanela go ema merafe pele mo go inaakanyeng le ngwao ya bone, a re motho le ngwao ke di ya thoteng di bapile, fela a ba gakolola gore ba diragatse ngwao ba setse morago molao wa lefatshe leno.
Modulasetilo wa komiti ya ngwao kwa Letsholathebe, Rre Joseph Pelaelo, o tlhalositse fa maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go kopanya bagolo le banana ba motse gore ba abelane megopolo ka go tsosolosa ngwao, go e godisa le go e somarela.
A re ba ne ba rulaganya letsatsi leo k aba lemogile go r e ngwao ya Sakalaka e a nyelela bogolo jang mo basheng. Letsatsi leo la ngwao le ne le tshwerwe ka moono o o reng, ‘ Tjilenje gobe li sa ka fanila pele’, se se rayang gore ngwao ke mpho e e sa tshwanelang go fela, mme o ne wa supiwa ka didirisiwa tsa setso ka go farologana, mmino wa setso o akaretsa hosanna, woso, ndazula le dipina tse dingwe tsa setso.
Dijo tsa setso le tsone di ne di le teng mo letsatsing leo mme e le tse di tlwaelesegileng kwa kgaolong eo jaaka zenngwe, e bong bogobe jwa lebelebele, dobi, chimoni le tse dingwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Masunga
Event : Letsatsi la ngwao
Date : 22 Sep 2013






