St Simon e simolodisa kago ya kereke
22 Sep 2013
Kereke ya St Simon of Cyrene Anglican e simolodisitse semmuso kago ya kereke kwa Tlokweng. E rile a tlhalosa maikaelelo a tiro eo, mogolwane wa kereke eo Bishop Metlhayotlhe Beleme, a bolela fa ba ikaelela go aga kago e tona ya kereke, ka jaana e ba tsenelang mo go yone gompieno e le nnye fela thata, gore e tle e kgone go amogela bontsi jwa maloko a bone.
Bishop Beleme o tlhalositse gore maikaelelo a mangwe ke go lemotsha setshaba se ba se dirang, gore e re fa ba kopa thuso mo go bone ba bo ba itse e bile ba tlhaloganya se ba buang ka sone. O tlhalositse fa ba dira tsotlhe ka thata ya Modimo, ka ba itse ebile ba tlhaloganya gore thata ya Modimo e fenya bosula.
O boletse gape gore bana ba Modimo ga ba tlhoke go tlalatlala le lefatshe lotlhe ba re ba batla mowa oo boitshepo, mme ba tshwanetse go tshepa mo Modimong le gore ba se belaele thata e ba nang la yone mo go ene, mme o tla a ba neela se ba se tlhokang ka a itse letlhoko la bone.
Modulasetilo wa komiti e e rulanyetsang kago ya kereke Rre Mokgosi Mokgosi, o ne a tlhalosa fa ba lebaganye le tiro e kgolo ya go aga kereke, e ba ikaelelang gore mo ngwageng tse pedi tse di tlang, ba bo weditse kago ya yone.
Rre Mokgosi o kopile maloko a kereke gore ba ba thuse go aga kereke eo, a tlhalosa fa ba batla go aga kago e kgolo go feta e ba nang le yone, mme o tlhalositse fa ba ka kgona se fela fa ba ka tshwaraganela tiro e, ka mowa o le mongwe.
Erile a ntsha la gagwe Moruti Joe Tsuaneng, a tlhalosa gore fa ba ka neela tiro e mo Modimong, a ka kgona go ba naya mo go golo go feta mo ba neng ba go akantse. Moruti Tsuaneng o tlhalositse fa ba simolola tiro ya kago e ka Modimo, ebile ba ikaelela go e wetsa ka ene, tse tsotlhe e le go mo galaletsa. O boletse fa kago ya kereke e, e tla a amogela botlhe le bao ba ba tsamayang mo mekgwatheng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Tlokweng
Event : Tshimolodiso semmuso ya kago
Date : 22 Sep 2013






