Breaking News

Bompopi ba tshegetsa ngwao ya Seherero

20 Sep 2013

Dingwe tsa dilo tse di tlwaelesegileng ka morafe wa Baherero ba Botswana le mafatshe a a mabapi ke mekgwa ya go tshegetsa ngwao ya bone.

E re ntswa Batswana ba le banwe ke dikgwetlho tsa go latlhegelwa ke ngwao ka lebaka la diphetogo tsa sesha, Baherero bone ga ba ipone tsapa, ke mongwe wa merafe e e tsweletseng ka go tshegetsa ngwao ya bone. Ka jalo le fa ba aname lefatshe la Botswana ka bophara, metse le metsana ka go farologana ga yone, go motlhofo go lemoga Moherero ka  ntlha ya kapari e e kgethegileng.

Kwa ntle ga go apara, kapari ya Seherero e bonala mo go bompopi jaaka go atile gore Baherero ba rata go ba dira ba bo ba ba kgabisa Seherero. Kwa motseng wa Habu, dikhilomitara di ka nna masome matlhano go tswa kwa Nokaneng, go na le bomme ba ipopile setlhopha mme ba itshetsa ka go dira bompopi ba Seherero. Bomme ba ba re kgang kgolo ya bone ke go supa ngwao ya Seherero ka bompopi gore ba bontshe batswakwa ka fa ba tshelang ka teng le kapari ya bone.

Bomme Tjikazona Martin, Kavezarua Nguvauva le bangwe ka bone ba direla bompopi ba go ba rekisa gore ba tle ba kgone go itshetsa. E rile go lemoga fa bajanala ba na le kgatlhego mo ngwaong ya Seherero ba lemoga fa bompopi ba tlaa ba bulela dikgoro tsa botshelo. Mme Martin a re letseno la bompopi bao le ise le nne kalo, ba lemogile fa ba ka itshetsa fela fa ba ka tsenya moko mo nameng.

Mme Nguvauva ene a re mathata a bone ke mmaraka ka jaana o le boutsana, a tlhalosa gore fa o ne o le teng ba ka bo ba le kgakala mo botshelong. E re ntswa bomme bao ba ise ba tlhaloganye thata ka mananeo a puso a a ka ba sologelang molemo go ba tsholetsa le gore kgwebo ya bone e itsege, ba re ba tlaa tswelela ba ntse ba dira go fitlhelela ba bona dithuso tseo.

Mme Nguvauva a re motse wa bone o monnye mme e bile ditiro ga di yo, ka jalo e le bomme ba tshwanetse ba ema ka dinao go direla bana ba bone botshelo. A re o lebeganwe ke dikgwetlho tsa bana ba sekole ka ba tlhoka paka mme seo se ba patika go batla maano a botshelo go na le gore ba ikaege ka puso e le yosi ka jaana  phokoje go tshela yo o dithetsenyana e bile mokuduwe go tsosiwa o o itekang. 

Mme Martin o ne a tlatsa ka gore seemo sa botshelo mo motseng wa bone se bokete ka gore dikgomo tse e leng gore di ne di ba thusa ga di rekisiwe ka lebaka la bolwetse jwa tlhako le molomo mme seo se thatafatsa matshelo a bone le go feta.

Le fa go ntse jalo ba re se ba se itumelelang ke gore bana ba bone ba tlaa tswelela ba tshegetsa ngwao ya bone ka ba fetisetsa dithuto tseo kwa baneng mme merafe ka go farologana le bajanala ba tlaa bona ba bo ba ithuta ngwao ya Seherero. Bomme Nguvauva le Martin ba re ba ithutile tiro ya go dira bompopi go tswa mo batsading ba bone mme ba lemogile gore ke tiro e e batlang manontlhotlho le matsetseleko gore theko e tle e nne teng.

Mme Martin a re ba reka matshela ka go farologana kwa marekisetsong a matsela mme ba dire bompopi bao ba ba farologanang ka ditlhwatlhwa go lebeletswe gore go dirisitswe letsela la mofuta mang. Bomme bao, ba ba dirang ba le batlhano ka palo, ba re keletso ya bone ke go ipona ba tsenelela ditshupo go supa tiro ya bone le gone gore kgwebo ya bone e bone bareki.

Ba re ba sa ntse ba saletse kwa morago mo go ipapatseng mme ba dumela gore letsatsi lengwe ba tlaa segofala ka jaana malatsi a sa tle ka go tshwana. E re ka tsholofelo e sa tlhabise ditlhong, bomme bao ba re ba tlaa nna ka tsholofelo ya go bona letsatsi lengwe ba butse madirelo a bompopi gore ba direle bana ba bone boswa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Gumare

Event : Potsolotso

Date : 20 Sep 2013