Bojanala ga se go bona diphologolo fela
20 Sep 2013
Lefatshe la Botswana ke lengwe la mafatshe aa itsegeng thata ka diteemane le bojanala jo gantsi bo ikaegileng ka makgobokgobo le diphologolo.
Lefa go ntse jalo, gona le bajanala ba ba ratang dilo tsa tlholego di tshwana le ditshwantsho le mekgabisa tse di fitlhelwang mo dingweng tsa dithaba tse di anameng le lefatshe leno. Dithaba tsa Tsodilo tse di kwa bokone Bophirima jwa lefatshe leno ke dingwe tsa tse di itsegeng ka ditshwantsho tsa tsone tse di ntle lefatshe ka bophara, ka jalo banni ba mafatshe a sele ga ba ipone tsapa go nna ba etela mafelo a go bona dintlenyane tse tsa tlholego.
Ene ya re bosheng bobega jwa dikgang jwa BOPA jwa iphitlhela bo le kwa motseng wa Chukumuchu kwa re fitlhetseng banana ba thinkgetse teng kwa mabaleng ba itlosa bodutu ka metshameko ya constituency tournament. Mo gare ga bone a bo gona le mme mongwe wa letso le gantsi re reng ke la sekgowa ba mmitsa ‘Thapelo’. Thapelo, yo go lebegang a rata motshameko wa volleyball bobe one a tlhakatlhakane le bana ba kgaolo ebile ekare ke mongwe wa bone sebe sa phiri hela ele gore mmala wa letlalo la gagwe ke one o mo ntshang ka leso legolo.
Mo puisanong ya rona le ene, o supile fa e le mojanala mme a gorogetse kwa motseng wa Tsodilo kwa a gogetsweng ke go batla go itse thata ka mekgabisa e e kwa dithabeng tsa motse oo. O tlhalositse fa dilo tsa setso tse di fitlhelwang mo lefelong di kgatlhisa fela thata mme ebile a na le sebaka sa go ithuta le go bona kafa batho ba lefelo leo ba tshelang ka teng. Mojanala yo o tlhalositse fa e le wa letso lase Ntariana mme ka e le motho yoo ratang batho, ke ka moo a iphitlhetseng a le fa gare ga tshaba e e lerato ya Chukumuchu e bontsi jwa yone e leng Baherero le Basarwa.
Thapelo, yo leina la gagwe la matsalo a reng ke Sabrina Gregoriadis are o bone gole botlhokwa gore a nne fa gare ga batho ka jaana ele sone sebaka sa go ithuta ka setso sa lefelo le go bona gore ba tshela jang. A re ene ga a tshwane le bontsi jwa bajanala baba ikanyang go nna le diphologolo kwa sekgweng kwa ba ka se ithuteng sepe ka Botswana teng. Thapelo a re ene o ka seke a nne fa gare ga dilo tse aka sekeng a tlotla le tsone, a bua jalo a betsega go ya go tsweledisa tshameko ya gagwe le ditsala tsa gagwe tse disha.
Go ne go lebega motlhaba wa Chukumuchu omo gopotsa gae ka jaana o le boleta fela jaaka one wa lewatle, phapang hela ke gore yo o na le tshetlho. Lentariana la Modimo kooteng erile maitseboa le isa marapo go beng a bo dikgato tsa gagwe disa utlwalege ka go lebega ba ne ba sa mmolelela gore Chukumuchu ke lefelo le le nang le mmitlwa wa mosetlho o montsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Gumare
Event : Potsolotso
Date : 20 Sep 2013






