Maleho o itshetsa ka dikoko
20 Sep 2013
Thuo ya dikoko tsa nama e na le mosola thata fa motho a na le bokgoni le maikarabelo kgotsa lorato mo go yone.
Monana wa Shakawe, Rre Muzumbi Maleho ke sekao sa gore kgwebo e e ka dira sentle fa motho a tsentse marapo dinameng. O tlhalosa gore ka dilo e le makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe, e rile a sale mmotlana a eletsa kgwebo e ka rre rraagwe e ne e le morui wa dikoko. E rile magolong a gagwe a rwala ditlhako a bona gore a dirise mananeo a puso go tsholetsa seriti sa gagwe mo botshelong.
A tabogela fa ofising ya banana mo motseng mme a dira tsotlhe tse di tlhokafalang gore a kgone a simolole kgwebo ya gagwe. O tlhalosa gore ka a ne a na le maikaelelo, toro ya gagwe a e kgona ka lephata la banana, metshameko le ngwao le ne la mo neela P99 000. Ka a ne a na le lefelo le a le filweng ke rre rraagwe go ile ga nna motlhofo go simolola kgwebo e. Gompieno o na le dikokwana tse di fetang sekete.
Kwa matlhabelong a gagwe o na le matlo a le mararo, e nngwe ke e e bayang dikokwana, fa tse dingwe e le tse di setseng di godile. O setse a na le batho ba a ba thapileng ba le bararo mme fa nako ya go tlhaba e goroga o thapa ba roba bobedi go thusa. Ka kgwedi o gola P30 000. Ka a se na sebaka o na le batho ba e leng gore ke bone barotloetsi ba ba mo thusang. O tlhalosa gape gore gangwe le gape fa go na le mediro e metona ya puso mo kgaolong ba a tle ba reke nama mo go ene. Koko ya gagwe e le nngwe e tsamaya ka masome a mane a dipula go ya kwa godimo, mme a re ga a ture ka a akanyetsa batho.
O tlhalosa gore o ipapatsa le kwa dioteleng gore kgwebo ya gagwe e gole.
Kwa sekoleng se segolwane sa Shakawe nama ya koko go rena ya hoko ya gagwe, mme o tlhalosa gape gore le ba madirelo a dijo ba a mo etleetsa ga mmogo le batho ba motse. Go bo kgwebo ya gagwe e tsweletse, o tlhalosa gore ofisi ya banana e a tle e mo thuse ka thutopuisanyo ya tsa kgwebo.
O tlhalosa gore go dira kgwebo ya mofuta o go batla motho a nna fa tlase ga yone, le gone a itse go e tlhokomela, le gone go fa dikoko fa dijo sentle. Nako ya fa dikoko di fela o nna mo tsietsing ka a re o di reka bokgakala jwa Francistown, mme ka a setse a utlwile monate wa madi ga a ipone tsapa go di latela.
Se sengwe ke lone lefelo ka a re le mo motseng, ka jalo dikoloi di kgona go tshosa dikokwana ka modumo mme di felele di sule. O tlhalosa gore, gore monana jaaka ene a kgone go tsamaisa kgwebo e tshwana le e, o tshwanetse go ititaya sehuba ka gore go a berekwa ga go tshamekwe.
A re fa motho a nna fa fatshe le yone kgwebo e a phutlhama. A re e rile a simolola kgwebo o ne a sa bone dipoelo, gape dikoko di le dintsi di swa, mme se ga se a mo ema pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : Gumare
Event : Potsolotso
Date : 20 Sep 2013






