Breaking News

Go itlhatlhoba go a boloka

19 Sep 2013

Kgosikgolo wa Barolong, Lotlaamoreng II, o gwetlhile borre go itlhatlhobela malwetse ka go farologana.

Kgosikgolo o buile jalo kwa thuthopuisanong ya botsogo, e e neng e rulagantswe ke lekgotla la borre le ba lephata la dikago kwa motseng wa Good Hope  bosheng. A re borre ka bontsi ga ba kgothalele go ya dikokelong, go itlhatlhoba, a tlatsa ka gore ba filwe sebaka sa go dira jalo mme ba ga ba se dirise ka botlalo.

O tsweletse a re puso e ntshitse  mananeo a le mantsi, a batho ba ka a dirisang go ritibatsa  makoa mangwe, a fa  sekai sa gore  puso e rekela Batswana dipilisi tsa ARV, tse di ritibatsang mogare wa HIV, a bo a  kgothaditsa  borre go lwantsha malwetse le makoa a ba ka fitlhelwang ba na nao.

Kgosi Lotlaamoreng II o ne a lebogela le ba lephata la dikagogo rulaganya letsatsi leo, a re le botlhokwa fela thata ka ba latisitswe ditlamelo tsa botsogo. Mogolwane wa lephata leo, Rre Joseph Simane, o ne a tlhalosa gore maikaelelo a letsatsi leo ke go ngoka borre go tla go abelana megopolo ka botsogo jwa bone mo ditirong le kwa malwapeng.

Rre Simane a re ba gwetlhilwe ke go lemoga fa mo lephateng la bone go thapilwe borre thata, ba tsamaya mo mafelong a a farologaneng ka ntlha ya tiro mme e bile go lemotshega gore ba tsenwa ke makoa ka bontsi mo mesepeleng eo ya tiro.

A re maikaelelo a mangwe ke go lwantsha dikgwetlho tsa botsogo, tse  borre ba lebaneng natso. Mogolwane wa ofisi e e itebagantse le go lwantsha mogare wa HIV, Rre Molebatsi Kemmonye, o ne a supa fa dipatlisiso di supile fa borre ba itlhatlhobela mogare ka dipalo tse di kwa tlase fa go tshwantshanngwa le bomme.

A re go tloga ka kgwedi ya Hirikgong monongwaga,  go ema ka kgwedi ya Seetebosigo, go ne ga itlhatlhoba batho ba le 3 683, mo go bone borre ba ne ba le 1 405 mme ba le 85 ba ne ba fitlhelwa ka mogare wa HIV. O ne a tlhalosa fa ba lemogile gore dipalo tsa bomme tsa go tsenwa ke mogare wa HIV di kwa godimo ka ntlha ya go kgokgontshiwa ke borre mo  tlhakanelong dikobo, mme a kopa borre go emisa mokgwa oo.

Borre ba ne ba kgothadiwa le go ya go dira loaro lo lo babalesegileng kwa dikokelong.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : Lobatse

Event : Thutopusianyo ya botsogo

Date : 19 Sep 2013