Ditlamelo tsa botsogo di tokofatsa matshelo
19 Sep 2013
Ditlamelo tsa botsogo jwa legano ga di thuse balwetsi fela, mme gape di thusa batho go nna le matshelo a a botoka, go buile jalo mothusa tona wa botsogo, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri.
E rile fa a simolodisa beke ya botsogo jwa legano bosheng kwa Ghanzi, Rre Matlhabaphiri a re lephata la botsogo le dira ka natla go rotloetsa batho ka bongwe ka bongwe go tlhokomela magano a bone.
Rre Matlhabaphiri a re malwetse a legano a ka nna le ditlamorago tse di botlhoko mo botsogong jwa batho. O boletse gore malwetse a legano a koafatsa gape mmele wa motho ka karetso.
O tlhalositse gore lefatshe leno le gatetse pele mo go tsa botsogo jwa legano mo dingwageng tse 40 tse di fetileng. Lefa gontse jalo, Rre Matlhabaphiri a re go dirisanya ga maphata ke konokono mo go lwantsheng le go thibela malwetse a legano.
Mothusa tona o boletse gore lekalana la thuto le na le seabe se segolo mo go diragatseng ditlamelo tsa botsogo, a tlatsa ka gore dikole le ditshupo tse di farologaneng di dirisiwa go anamisa thuto ka botsogo, go sekaseka le go alafa malwetsi a go nna jalo.
O boletse gore go na le kgonagalo ya gore malwetse a dirwe tse di gaufi le legano le go tsholwa ga bana ba ba tlhaelang dikotla kana ba belegwa pele ga nako, le one malwetse a pelo go bo go amana ka tsela nngwe. O boletse gape gore bolwetse jwa sukiri le jone go na le ka fa a amanang ka teng le go koafatsa meno.
Mothusa tona o tlhalositse gore malwetse a legano a ama bokgoni jwa motho go ja dijo, go nwa go bua le gone go nyenya tota.
Moono wa beke eo ya botsogo jwa legano o ne o re: ‘Meno a a itekanetseng, botshelo jo bo itekanetseng.’ Dipatlisiso tse di neng tsa dirwa ka 2000/01 di supile fa malwetsi a legano a tsene mephato ya batho ba dingwaga tse di masome a marataro go ya kwa go ba dingwaga tse 70, fa mo go bone, selekanyo sa 47 mo lekgolong ba nnile le meno a a phaphanyang mme selekanyo sa masome a robabongwe le boraro ba lwala malwetse a mangwe a legano.
Lekgotla la mafatshefatshe la botsogo (WHO) le akanyetsa gore selekanyo sa batho ba masome a robabongwe mo lekgolong ba bolawa ke malwetse a meno. Lekgotla leo gape le akanyetsa gore go bola ga meno go bonala mo baneng le mo bagolong. Rre Matlhabaphiri a re dikgwetlho tsa malwetse a legano di gakadiwa ke dikotsi tsa dikoloi le dintwa tsa bagolo le bana a tlatsa ka gore go bola meno go ntsifetse thata mo Botswana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Ghanzi
Event : Beke ya botsogo jwa legano
Date : 19 Sep 2013






