Megokgo e abela motlhoki
19 Sep 2013
Megokgo ya dikolo tse di kgolwane e supile mowa wa kutlwelo botlhoko ka go agela Mme Ontibile Tshoganetso ntlo ya dikamore tse pedi le ntlwana ya boitiketso le ntlwana e go apeelwang mo go yone kwa Mogapinyana.
Mme Tshoganetso yo o nang le bana ba le babedi le bana ba bana ba le babedi o ntse a sena fa a tshabelang diphefo le dipula le teng. E rile bosheng megokgo ya dikolo ba fetola seemo sa gagwe ka ponyo ya leitlho, ba mo fa seriti gore le ene a tshele jaaka Motswana mongwe le mongwe.
Fa a rolela mme yoo ntlo eo bosheng, Dr Joseph Tsonope yo o kileng ya bo e le motlhathelela dithuto kwa mmadikole mme gompieno e le mothusa modulasetilo wa khansele e tsamaisang ditlhatlhobo, o akgotse megokgo ya lefatshe leno go bo ba supile mowa wa kutlwelobothoko le lerato ka go agela Mma Tshoganetso ntlo.
Dr Tsonope a re mowa o wa go thusana ke ngwao ya Batswana ka gore le bone ba gola ba fitlhela go ntse go thusanwa ka go abelana dimpho le mo manyalong tota, ka jalo ga go a tshwanela go itlhokomolosiwa gore mowa wa go aba o seka wa nyelela.
A re Tautona wa lefatshe leno Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama o tshwanelwa ke go lebogelwa go rotloetsa gore Batswana le dikompone le setshaba ka kakaretso ba thuse ba ba tlhokileng lesego. Dr Tsonope o tsweletse ka go re megokgo ba supile gore lefatshe leno ke la bone mme go sena ope yo o ka tswang go sele a tla go le tlhabolola.
A re ba phimotse ntho e e kileng ya nna teng e leng dikgoberego tse di kileng tsa nna teng mo ngwageng o o fitileng tsa ngalo ditiro mme jaanong ba tsweletse ka go direla lefatshe la bone ka bonatla le botswerere.
Fa a tswa la gagwe Rre Lapologang Kolagano yo e leng modulasetilo wa megokgo o tlhalosiste fa ba simolotse go aga ntlo e mo ngwageng oo fitileng morago ga fa ba sena go tshwara phuthego ya bone kwa Palapye mme ba itshwaraganya le ba ofisi ya boipelego gore ba ba bontshe yo o tlhokang go agelwa ntlo mo motseng wa Mogapinyana.
Raboipelego wa motse oo Rre Baoketsi Bagwasi o ne a leboga megokgo ya dikolo mpho e ba e tsisiitseng mo motseng wa Mogapinyana, a re e tlaa solegela molemo Mma Tshoganetso le bana ba gagwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Selinah Samson
Location : Palapye
Event : Kabelo motlhoki
Date : 19 Sep 2013






