Tlhaelo ya melemo e ngongora makhanserala
19 Sep 2013
Makhanselara a bokone bophirima ba re ga ba jesiwe di welang ke letlhoko la melemo mo dikokelong le dikokwelana mo kgaolong ya bone.
Ba supile matshwenyego ao fa ba ne ba akgela mo pegong ya modulasetilo ka ga seemo sa tlhaelo ya melemo. Ba re seemo se se tsenya matshelo a batho mo diphatseng ka bangwe ba lwala malwetsi a a borai. Ba kaile fa bangwe ba lwala bolwetse jwa madi a matona mme go ngomola pelo go bona ba sa thusiwe ka kalafi ka bofefo ka ntlha ya letlhoko la melemo.
Mokhanselara Rre Pelokgale Monyame o boletse fa banni ba sa itumelele thuso e ba e fiwang kwa kokelong ya Letsholathebe bogolo jang ka fa ntlwaneng ya melemo a kaya fa modiri koo a sena tirisanyo le balwetse.
O boletse fa balwetse bangwe ba setse ba kgaotswe mo kalafing fela ka gore ba ne ba ikuela gore melemo e mengwe e ba e fiwang ga e a siamela botsogo jwa bone. O tsweletse a re balwetse bangwe ba santse ba tabogisiwa lepaapaa ke dikokelwana go ipatlela melemo le ntswa tona wa botsogo a kgalemile seemo seo.
O kopile komiti ya botsogo mo kagolong go emela dikgang tseo ka dinao. Mme Botshelobokae Ramasu ene o ne a lela ka seemo sa kokelo ya Gumare a re ga se kgatlhe gotlhelele. A re go mosuke o o ngomolang pelo e bile bagolo, bana, le bomme ba robaditswe mo phaposing e le nngwe. A re seemo seo se tsenya balwetsi mo diphatseng ka jaana go le motlhofo go ka anamisa malwetsi a a tshelanwang.
A re baoki le bone ga ba na fa ba thusetsang balwetsi teng ka jaana ba katagane mo phaposing e le nngwe a re o ipotsa gore fa seemo se ntse jaana a ruri le yone toro ya tebelopele ya setshaba e tlaa kgonwa.
Rre Abel Molelo ene o ne a supa ngongorego ya gore baoki ba gana go thusa balwetsi ka mafelo a beke ka ba re ba chaisitse.O ne a batla tlhaloso ya gore a baoki ga ba letlelelwe go theogela ka matlhatso le tshipi. Makhanselara a ne gape a supa fa dikago tsa dikokelwana di tlhoka go tsibogelwa ka jaana di ka nna tsa phutlhama nako nngwe le nngwe.
Ba re ba solofela fa dingwe di tsile go phailwa ke diphefo le dipula ka jaana paka ya tsone e gorogile. Ba ne ba supa gape fa go na le tlhaleo ya dikobo kwa dikokelong. Mo dikgannye tse dingwe, batlotlegi ba ne ba kopa ba lephata la diphologolo le bojanala go tsibogela dikgwetlho tse di apereng morafe mabapi le go jelwa ke ditlou kwa masimo.
Ba re e re le ntswa letsema le rebotswe batho ba ipotsa dipotso gore a mme ba tlaa tswa ka sengwe ka jaana ngogola ba dule ba iphotlhere. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Maun
Event : Phuthego ya khansele
Date : 19 Sep 2013






