Breaking News

Temo e e ile tlase kwa Borolong

19 Sep 2013

Balemi ba kgaolo ya Morolong ba gwetlhilwe go tlhwaafalela temo go ntsha dijo tse di ka jesang lefatshe ka bophara.

Mafoko ao a builwe ke mogolwane wa lephata la dijwalo, Rre Thomas Mogome kwa letsatsing la balemi le le neng le tshwaretswe kwa motseng wa Metlojane. Rre Mogome a re kgaolo ya Morolong e ne e itsiwe ka temo bogologolo mme a re dipatlisiso di supa fa temo ya kgaolo eo e ile kwa tlase fela thata.

O ne a supa fa go fetoga ga loapi go na le seabe se se tona mo kwelong tlase ya temo a tlhalosa fa mohero le one o di goga kwa pele mme a kopa balemi go inaakanya le balemisi gore ba neelane megopolo.

Rre Mogome a re fa balemi ba ka tsaya dikgakololo tsa balemisi le gone go dirisa dipeo tse di tshwanetseng tse ba di fiwang ke puso temo e tlaa tokafala le ntswa pula e le boutsana mo lefatsheng leno. O tlhalositse fa dipeo tse puso e di neelang balemi di siametse dipaka tseno tsa pula e e boutsana. Godimo ga moo a re ke maiteko fela a mantle a puso mme a kopa balemi go dira jalo.

A re fa balemi ba ka tlhoafalela temo puso e tlaa emisa go dirisa madi a mantsi go reka dijo kwa ntle ga lefatshe leno. O boletse fa jaanongmadi a   a ka dirisiwa ditlhabololo mo lefatsheng leno. Rre Mogome o ne a kopa balemi go tlhokomela masimo a bone nako tsotlhe a tlatsa ka gore go ka ba thusa fela thata fa ba setse ba batla go lema.

Fa a tswa la gagwe mookamedi wa lenaneo le le thusang tswelediso ya ditirelo tsa temo-thuo Mme Ikgopoleng Thamae o ne a tlhalosa fa lenaneo leo le itebagantse le balemi barui ba ba botlana.

A re maikaelelo a lenaneo leo le a kaileng fa e le la ngwaga tse tlhano la tekeletso e le go nna le seabe mo go tswakanyeng itsholelo mo setshabeng, go nyeletsa lehuma mo dikgaolong, go ntsha dijo tse di lekaneng le gone go tokafatsa matshelo a batho kwa metseng ya magae.

O ne a tlhalosa gape gore maikaelelo a bone gape ke go bona balemi bao ba tsaya temo jaaka kgwebo godimo ga moo a re le gone go ba rotloetsa go sa ikaege fela ka phokoletso ditlhotlhwa mo di dirisiweng tsa temo. Modulasetilo wa lekgotla la balemi Rre David Setuke o ne a tlhalosa fa ba tsweletse sentle a tlhalosa fa le molemisi wa bone a ba eme nokeng.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : Lobatse

Event : Letsatsi la balemi

Date : 19 Sep 2013