Breaking News

Ba Dukwi le Matsitama ba lela ka lerole

18 Sep 2013

Batho ba metse ya Dukwi le Matsitama ba re lerole le le dirwang ke dikoloi tsa moepo wa Afrian Copper le kgotlela tikologo e bile le ama dijwalo tsa bone mo masimong.

Ba ntshitse matshwenyego a bone mo phuthegong ya kgotla, e e neng e tshwerwe ke komiti ya palamente, e e filweng thomo ya go leba dikgang tse di itebagantseng le tsa pereko le merero ya selegae kwa metseng eo bosheng.

Mo godimo ga moo, baagi  ba  Dukwi ba re lerole  la tsela  e e  yang kwa moepong wa Mowana  le  amile  tikologo le masimo a  a  mo tseleng eo. Ba  re  gape  ga  ba  a roba   sepe  mo  komponeng  eo ka ga  e a thapa bana ba motse. Selelo sa  go sa thapiweng  ga  banana  ka bontsi mo dikomponeng  tse  di  epang  kopore,  se  ne  se lelwa  ke  ba  Matsitama, ba  re  kompone  eo  ya  African  Copper  Mine  ga  e a  kgona  go  diragatsa  ditsholofetso  tsa  one  gape  le  maitlamo  a  yone.

Banni ba   Dukwi,  ba ne  ba  ikuela  le ka  tshenyo  ya  ditlou  mo masimong  le  letlhoko  la  metsi, ba  re  diphaephe  di thubegile, ka jalo go  tsaya  nako gore di baakanngwe mme seo se ba tshedise  mo lenyoreng.

Ba ne ba kopa  gore  motse  wa bone o akarediwe  mo  tlhulaganyong  ya metsi  ya  Zambezi ka a  ralala   motse  wa  bone.

Kgosi Oletsosetse  Mosweu  wa motse wa Dukwi, o ne a leboga  tlhulaganyo  e e dirwang  ke dikomiti, a re se  ba se dirang ke go isa  palamente kwa bathong. Kgosi  Mosweu o ile a re kgotlhang ya batho le  diphologolo e tswa kgakala  ka jalo a  kopa gore go nne le tharabololo kana  dithuto tsa gore re ka  tshela jang  le  diphologolo ka phuthologo.

Modulasetilo wa komiti eo ya mapalamente, Rre Gibson  Nshingwe a re ba ne ba le mo leetong la go lekola moepo  wa Mowana  mme  ba bona  go le  botlhokwa gore  ba  lekole  metse  e e  mo  tikologong  ya  meepo  eo, dikgosi  le  batho  ba  foo.

Rre  Nshingwe  o ne a  ba  lekodisa  ka  ditiro  tsa  maphata a a fa tlase ga  lephata  la  pereko le selegae. A re tiro ya komiti ke go utlwa megopolo le dikgwetlho tsa batho mabapi le ditiro tsa lephata leo mme ka seo ba leke go  baakanya kana go fetola dilo dingwe gore Batswana ba amogele ditirelo tse di molemo.

O ile a tshephisa batho ba  metse eo gore mangwe  a  matshwenyego a ba a ntshitseng  a ama  maphata a a neng a sa emelwa  mme ba tla a fetisetsa  kwa maphateng a a  lebaneng. Fa a araba ka  kgang ya  tikologo  e e  kgotlelwang  ke  lerole  la  dikoloi, mogolwane wa kompone ya African Copper, Rre Kenneth Masogo, a re ba  lekile go  tshela kalaka mo ditseleng tseo go leka go  timola  lorole.

Rre Masogo a re ba tswa go tsaya malebela mo go ba bangwe mme ba bona maduo a a bonalang.

Ka kgang ya gore dikompone ga di thape batho ba metse eo, o ne a bolela fa kompone e e sa ntse e ise e  gole go ka  thapa  palo e  ntsi.

A re gape ditiro dingwe di batla batho ba ba ithutetseng  dithuto tse di rileng seo se dire gore ba tseye batho kwa ntle fa go sena ba dithuto  tseo mo motseng. Komponeya African Copper Mine e okamets  meepo ya Mowana kwa Dukwi le  wa Thakadu kwa Matsitama. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Buyendasi

Location : TUTUME

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 Sep 2013