Breaking News

Tona o tlhagisa ka bomaja polaelo

18 Sep 2013

Tona wa tsa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu o ntshitse matshwenyego ka ga manyalo a go a bong go gabilwe dipoelo dingwe fa gare ga batswakwa le Batswana.

Rre Batshu o ne a bua kwa segopotsong sa ngwaga wa bomasome matlhano wa kereke ya Eleven Apostols Healing Spirit kwa Francistown ka Matlhatso. A re baruti ba ba nyadisang mo dikerekeng ba ele tlhoko thata mme ba sireletse Batswana mo manyalong a bo maja polaelo.

A re go tle go diragale gore batswakwa ba nyale Batswana gore ba tle ba bone boagedi jwa lefatshe leno le dithoto tsa monyadiwa. Tona a re le gale bangwe ba batswakwa ba nyala ba le mo boammaaruring jwa nyalo.

Rre Batshu, yo gape e leng mopalamente wa kgaolo ya Nkange, o boletse gore lephata la gagwe le leka go fokotsa manyalo a papadi, mme le tlaa rola molao kakanyetso o o ikaelelang go a fokotsa mo Palamenteng e e tlang. Go ntse go le foo, Rre Batshu o akgoletse kereke ya Eleven Apostles Healing Spirit go neela borre le bomme marapo ka tekayekanyo mo kerekeng.

O boletse gore le fa banna le basadi ba lekalekana mo matlhong a Modimo, dikereke dingwe ga di dumele gore bomme ba ka neelwa marapo a boikarabelo. Mopalamente wa Francistown Borwa, Rre Wynter Molotsi, o ne a bolela gore dikereke di tlhaelelwa ke mafelo a kobamelo. O ne a kopa lephata la ga Rre Batshu le la ditsha le matlo, go batla ditsela tsa go lwantsha seemo seo.

Rre Mmolotsi o ne gape a gakolola puso go tlhatlhoba dikopo tsa kwadiso ya dikereke mo go tseneletseng go itsa go di kwadisa ka mmetela. O kopile lephata la tsa pereko le selegae go sekaseka baruti bangwe ba batswakwa, a re bangwe ba bone ba amogile Batswana madi a ba a fufuletseng.

Bishop Modisaotsile Mothibi, o ne a tlhalosa gore kereke eo e tlhamilwe ka ngwaga wa 1963, mme ga e iseke e kgaogane fa e sale jalo. A re kereke eo e na le makalana lefatshe leno lotlhe, mme e ntse e dira ditiro tsa bobelotlhomogi di tshwana le go abela batshabi kwa Dukwi diaparo le go fa lefelo la bana la SOS madi le tse dingwe. BOPA

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Segopotso sa kereke

Date : 18 Sep 2013