Mapodise a Tutume a mo ditlhotlhomisong
18 Sep 2013
Mapodise a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go bonweng masalela a go belaesagang e le a motho kwa masimong a Selolwane.
Mogolwane wa mapodise a Tutume, Supt Vusimusi Jorowe a re ba lomilwe tsebe ke monna mongwe yo a neng a batla dipodi tsa gagwe, mme a bona dintsa tsa gagwe di epa ka fa tlase ga setlhare. A re monna yoo o bone dintsa di ntsha mophuthelwana o o neng o sa nkge monate mme a itsese ba sepodisi.
A re ba ragogetse kwa lefelong la tiragalo kwa ngaka e fitileng ya rurufatsa fa ele motho, mme ba sa ntse ba emetse ditlhatlhobo. A re ga ba ise ba tshwarwe ope mapadi le diragalo eo, jalo o kopile setshaba go ba loma tsebe ka mongwe yo ba neng ba itse fa a ne a itsholofetse ka jalo a sena ngwana.
Mo go tse dingwe, Supt Jorowe a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe yo dingwaga di ka tshwarang masome a mabedi le botlhano go ya go masome a mararo le botlhano a ketikilweng ke segongwana sa banna ba le bane mme ba mo ntsha ditlho, mme ka lenga la seloko.
A re ba mo keteketse fa bankeng ya Barclays ka nako ya lesome le bobedi bosigo a leka go tsaya madi mo mochineng. Supt Jorowe a re monna yo e ne e le moeng a sa itse ope mo motseng, mme o ne a a lafiwa kwa sepateng a ba a gololwa.
Supt. Jorowe one a tlhalosa fa ba sa tshwara ope mabapi le tiragalo e bile ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : Tutume
Event : Pego ya mapodisi
Date : 18 Sep 2013






