Breaking News

IEC e rotloetsa ikwadisetso ditlhopho

18 Sep 2013

Moanamisa mafoko wa lekgotla le le tsamaisang ditlhopho, Rre Osupile Maroba, o rotloeditse komiti e e gokaganyang mapolotiki le ofisi ya ditlhopho go rotloetsa setshaba go ikwadisetsa dithopho tsa ngwaga o o tlang.

O buile jalo mo phuthegong ya bone le komiti. A re go botlhokwa gore fa ba le mo tsamaisong ya ditlhopho, ba rute setshaba, ba se rotloetse go nna  le seabe mo tsamaisong ya puso ya batho ka batho.

Rre Maroba o tsweletse ka go tlhalosa go re baeteledipele ba setshaba ba ba farologaneng jaaka dikgosi le balaodi, ba tshwaragane le go tsweledisa merero ya merafe.

A re Batswana ba dumela mo mererong ya tsamaiso ya dithopho, ke sone se e rileng ka ngwaga wa 1997, ba kopa lekgotla le le tsamaisang merero ya tsa ditlhopho go tlhoma melawala e e tlaa di tsamaisang. Rre Maroba a re go re ba kgone tiro eo, ba tshwanetse go  dirisana le makgotla a a farologaneng ka morerobonokopila.

O kopile komiti go nna leitlho la setshaba le gore e  se ka ya boelela diphoso tse ba di lemogiletseng ka ngwaga wa ditlhopho o o fetileng.
Le fa go ntse jalo ba komiti ba kopile ofisi ya ditlhopho go ba direla sesupo se tshwana le dikopelo, se se tlaa supang fa ba romilwe kwa setshabeng, go itsa diketsaetsego.

Mothusa modulasetilo wa hansele potlana ya Tutume, Mme Kene Mololwane, o lebogetse pego ya mogolowane wa moanamisa mafoko wa lephata la ditlhopho, a re go a supafala gore lekalana la ditlhopho le tswa kgakala le ntse le dira tiro e ntle ya go ipaakanyetsa ditlhopho.

O tlhalositse go re fa go nang le botlhale teng go nna le diphoso mme e re morago di baakanngwe. Fa a wetsa, o ne a kopa ba komiti ya ditlhopho go ithuta dikhompiutara, go re ba se ka ba salela kwa morago fa  lefatshe le tsweletse ka go tlhabologa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : TUTUME

Event : Phuthego

Date : 18 Sep 2013