Kgosi o kgala dikereke tse di gogang maoto
18 Sep 2013
Kgosi Baruntshi Kegapetswe wa Letlhakane, a re o tshwenngwa ke dikereke dingwe tse di sa tseneng ditiro tsa setshaba.
Kgosi Kegapetswe o buile jalo ka tshipi, fa a amogela diphuthego tsa dikereke tse di neng di kokoane kwa kgotleng go tla go rapelela pula le go simolodisa kgwedi ya merapelo e e itebagantseng le twantsho ya HIV/AIDS. A re go a tshwenya go bona dikereke dingwe di sa tsibogele pitso ya boeteledipele jwa motse le baruti.
Kgosi Kegapetswe a re tiro ya gagwe jaaka moeteledipele ke go bopaganya morafe, fa lekgotla la baruti lone le filwe boikarabelo jwa go netefatsa gore dikereke di goga mmogo go ruta setshaba tsela ya boammaaruri. O kopile dikereke go tshwaragana le magosi le batsadi go lwantsha tiriso ya ditagi le kanamo ya mogare wa HIV.
Rre Kegapetswe a re o tshwenngwa thata ke gore batsadi bangwe mo motseng ba tsweletse ka go rekisetsa bana ditagi le majalwa mangwe a a borai mo matshelong a bone.
O ikuetse mo diphuthegong tsa dikereke ka go farologana le batsadi go tshwaraganela bana le go ba baakanyetsa bokamoso. A re tiriso ya ditagi e ileng magoletsa kwa motseng oo e tlaa kgoreletsa bana go betla tsela ya matshelo a bone.
O kopile gore dikereke tse di nnang di ikgogela kwa morago mo ditirong tsa setshaba di rotloediwe go dirisana le boeteledipele jwa motse le morafe ka kakaretso gore mathata a golelang pele a kgone go fenngwa.
Kgosi Kegapetswe a re le fa mapodisi a tsweletse ka maiteko a go lwantsha seemo se, a kgorelediwa ke bangwe ba go lebegang ba nna ba loma barekisi ba ditagi segolo bogolo setlhatshana sa motokwane tsebe.
A re se se kgoreletsa maiteko a mapodisi a go lwantsha borukutlhi ka gore fa ba goroga kwa malwapeng ao go phuruphutsa, ba fitlhela naga e ntse tshetlha, ditagi di fudusitswe.
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : Letlhakane
Event : Phuthego ya dikereke
Date : 18 Sep 2013






