Bakwadisi ba gakololwa go itshwara sentle
17 Sep 2013
Banana ba ba tlaa kwadisang ditlhopho ba kgothaditswe go itshwara sentle le gone go sala melawana ya ikwadisetso ditlhopho morago.
E rile mogolwane yo o okametseng ofisi ya ditlhopho kwa Okavango le Ngami, Rre Obabaletse Gaotsenelelwe a ba tlhatlhelela, a tlhalosa gore go botlhokwa go thusa setshaba ka maitseo.
O boletse gore fela jaaka ba thapilwe go thusa go kwadisa ditlhopho, tiro eo ke e e nang le boikarabelo jo bontsi thata. Rre Gaotsenelelwe o tlhalositse gore le gone go theogela ka nako go botlhokwa ka ba tlaa bo ba kopana le batho ba ba farologanyeng.
O kgalemile ope yo o ka lekang go supa sepolotiki a re ga se ka fa molaong, mme ba tshwanetse go itse fa ba bereka e le bakwadisi ba ditlhopho e seng ba phathi epe. Mo go tse dingwe, Rre Gaotsenelelwe o ba gakolotse gore go botlhokwa go ela tlhoko gore go ikwadisediwa fela mo lefelong le le lengwe, mme a ba bolelela gore ga go letlelelwe gore motho kana lepolotiki le leke go ba biletsa fa thoko go leka go ba gogela le fa e le kwa merakeng go ya go kwadisa batho.
O boletse gape gore mo sebakeng se ba tshwanetse go ithuta go bereka le batho. Bakwadisi ba ditlhopho ba ba lekgolo le go feta, ba ne ba tlhatlhelelwa ka go kwadisa batlhophi, le go bontshiwa didirisiwa tsotlhe tse ba tlaa bong ba di dirisa. Baithuti ba ne ba nna le sebaka sa go botsa dipotso go tlhaloganya gore ba tle ba kgone go kwadisa ditlhopho sentle.
Mongwe wa baithuti, Rre Atamelang Boranabi o ne a tlhalosa mo potsolotsong gore dithuto tse di mo rutile gore fa motho a tla go ikwadisa o tshwanetse a botsolodiwa pele ga go mo kwadisa le go bona gore o tshotse tse di tlhokegang.
O tlhalositse gape gore o ithutile gore o tshwanetse go nna botho, le go tshwara sephiri gape le gone go tsaya mongwe le mongwe ka tekatekanyo. Ikwadiso ditlhopho e tlaa simolola kgwedi ya Phalane e tlhola malatsi a le mane e wela e le masome a mabedi le bosupa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : GUMARE
Event : Tlhatlhelelo dithuto
Date : 17 Sep 2013






