Kgosi o ganetsa magatwe a go utswiwa ga bana
17 Sep 2013
Mothusa kgosi kgolo ya Bakgatla, Kgosi Sekai Linchwe, o ganeditse magatwe a gore go na le batho ba ba tsayang bana go dira dipheko ka bone. O boletse jalo mo phuthegong ya kgotla e a neng a e tshwere kwa kgotleng kgolo bosheng.
Kgosi a re go na le batho ba ba reng bana ba a utswiwa, mme ba sa bue boammaaruri ka go se na ope yo o kileng a supa fa ngwana wa gagwe a timetse kana a bolailwe. O supile fa go begilwe dikgang di le supa kwa lekgotleng.
Mo go tsone, di le nne e ne e se tsa boammaaruri, fa di le tharo e le boammaaruri mme batho ba ba amegang ba tshwanetse go isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata go lebisiwa molato wa go sa boleleleng mapodisi boammaaruri. Mosetsana o ne a begela mapodisi fa a ne a alotswe ke batho ba ba neng ba batla go mmolaya ntswa a sa bolela boammaaruri a itse gore o ne a robetse kwa mokapelong kwa Malotwane.
Molato wa bobedi, mosetsana o jele madi a babereki ba a neng a dira le bone. O ne a berekela kwa madirelong a go ntlafatsa noriri, ka jalo a tshaba go ya tirong, a bo a re o alotswe ke borre bangwe ba a sa ba itseng.
Molato wa boraro ke wa mosetsana yo o neng a tserwe ke mokapelo wa gagwe a mo isitse kwa Malotwane mo lefelong le sele, e re batsadi ba mmotsa a bolela fa a tserwe ke babelaelwa. Go utlwala fa basetsana ba nyamela malatsinyana, e re fa ba boela kwa malwapeng, ba bo ba re ba ne ba thupilwe ke batho ba ba bolayang batho ntswa ba sa bue boammaaruri.
Kgosi o boletse fa se se dirile gore a felele a bitsa phuthego ya kgotla ka ntlha ya go batla go itsise morafe fa magatwe a a buiwang a gore go na le batho ba ba bolayang batho e se boammaaruri ka go se na bape ba ba kileng ba tla kwa kgotleng kana go ya kwa mapodising go bega fa ba sa bone bana ba bone ba bolailwe. Mo kgweding e e fetileng, kgosi o boletse fa a ile a lelediwa ke mogokgo wa sekole sa Isang a re a tle go ba thusa ka bana ba ba phamolwang ke batho mo sekoleng.
A re o fitlhetse batsadi ba jele magala, ba botsa gore ba tlaa dira jang ka bana ba bone ba tshaba go tla sekoleng, ba re ga ba a sireletsega. A re batsadi ba bolela fa batho ba tsamaya ka koloi e khubidu e bile ba tsamaya ka dipitse tse pedi ebile batho ba teng ke mawelana.
O boletse fa a ile a bitsa ba sepodisi go tlhotlhomisa kgang e, mme mapodisi ga ba a bona sepe. E rile fa morafe o akgela mo mafokong a ga kgosi, bangwe ba supa fa ba dumelana le kgosi gore se se buiwang ga se nnete, fa ba bangwe ba le sebete se molangwana.
Rre Mankge Masule, o ne a akgela ka gore go tswa kgakala gotwe go jewa batho mme e se boammaaruri. O ntshitse mogopolo wa gore go nne le lekgotla le le tlaa itebaganyang le dikgang tsa mofuta o, go di tlhotlhomisa ba buisana le batsadi ba bana pele.
Rre Willie Mpete a re bana ba gagwe ba ne ba tla ba mmolelela gore morutabana wa bone kwa sekoleng se sebotlana sa Phaphane, a re go na le mawelana a a jang batho ka go ba utswa le go dira dipheko, a re ba tshabele kwa malwapeng. Rre yoo a re o ne a leletsa morutabana yoo go batla boammaaruri jotlhe, a mmotsa gore ke eng a tshosa bana.
A re morutabana yoo o boletse fa a ne a tshameka a tlhalosa fa a ne a raya gore ba se ka ba tshamekela mo sekoleng. Kgosi o ne a bolelela morafe gore o sa ntse a le mothusa kgosi ya Bakgatla le ntswa puso e sa kgona go mo okeletsa malatsi a tiro morago ga go kwalela puso lekwalo go itsese fa a weditse dingwaga tsa gagwe tsa bogodi mme ba se ka ba ya le dikgang tsa dipampiri. A re ene o tlaa nna a tswelela ka tiro le ntswa a sa amogele sepe.
O ne a tswelela ka go tlhalosetsa morafe fa kgosi kgolo a sa ntse a tsogile sentle kwa Moruleng a se na mathata a a buiwang ke ba dipampiri tsa dikgang tse di mmuang leswe. O ne a wetsa ka gore ba tsweletse ka go buisana le kgosikgolo ebile ba mmegetse ka ditlhabololo tse di tsweletseng mo motseng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Phkoentsi
Location : MOCHUDI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 Sep 2013






