Breaking News

Maitsholo a banana ga a itumedise

17 Sep 2013

Go bolelwa fa maitsholo a banana ba ba berekang mo lenaneong la Ipelegeng a sa  itumedise bagolo ba ba berekang le bone.

Mafoko a a  builwe ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya kgotla ya Borwa kwa Mochudi, Mme Busina Moetlo mo phuthegong e e neng e tshwerwe  ke modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Tona Mooketsi.

Mme Moetlo a re banana ba ba berekang le bagolo mo Ipelegeng ga ba na boitsholo jo bo itumedisang ka jaana ba sa tlotle bagolo ba bone. A re go dirisiwa dipuo tse di fatlhang mme ka dinako tse dingwe go felele go le dintwa, ka bangwe ba retelelwa ke go itshokela dipuo tse di kgobang tseo.

Mme Moetlo o ne a tlatsa ka gore bangwe ba banana ba ba nyenyefatsa tiro ya Ipelegeng mme seo se nyemisa moko le go feta ka jaana tiro e berekwa ka go kgothatsana gore tema e tswe. A re sebe sa phiri ke gore bangwe ba ipolela fa ba rutegile go gaisa ba bangwe mme ba dirise dithutego tseo go gatelela ba bangwe.

Mongwe wa babereki ba Ipelegeng kwa kgaolong eo, Mme Masedi Setshogo yo o neng a supa go sa rateng maitsholo a a dirwang ke bana bao, o ne a re ga a natefelelwe ke tiro ya gagwe ka jaana a rogwa ke banana ntswa ba le babotlana, ba lekana le  bana ba gagwe.O ne a bua a menne phatla ka selo se se ba jesetsa mo kgobedung ntswa lenaneo la Ipelegeng le ba thusa fela thata.

Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng Rre Mooketsi, o ne a kgalema fela thata ka kgang eo mme a kopa gore komiti ya ditlhabololo le ba ofisi ya Ipelegeng, ba emele kgang eo ka dinao mme ba otlhae botlhe ba ba dirang tiro e e maswe eo.A re molao wa khiro wa Ipelegeng o papametse gore Motswana fa a thapiwa, o tshwanetse a itshwara jang.

Rre Mooketsi o buile a sa kgale  mathe ganong ka banana ba ba sa itshwareng sentle, bogolo jang ka gore Ipelegeng e direletswe go thusa batho ka nakangwa fa ba baakanya matshelo a bone.
Mokhanselara wa kgaolo eo Rre Elijah Mogomotsi, o ne a tlhalosa fa ba itse ka kgang eo mme e bile e setse e isitswe kwa ofising ya Ipelegeng gore ba ba bonwang molato ba tseelwe dikgato.

A re ke matlhabisa ditlhong gore banana ba bo ba supa maitsholo a a ntseng jalo ntswa ba itse gore tlotlo mo batsading e botlhokwa mo ngwaneng wa Motswana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya khansele

Date : 17 Sep 2013