Itlwaetseng melelwane e mesha
17 Sep 2013
Makhanselara a kgaolo ya Legare a kopilwe go itlwaetsa melelwane e mesha ya dikgaolo tsa bone tsa botlhophi. Mafoko a, a builwe ke moanamisa mafoko wa lekgotla la merero ya ditlhopho, Rre Osupile Maroba, mo phuthegong ya khansele kwa Serowe.
Rre Maroba o kopile makhanselara go itlwaetsa diphetogo tse di dirilweng mo melolwaneng, go itse fa dikgaolwana tsa bone di felelang teng. A re go mosola thata go itse diphetogo tse ka jaana le batlhophi ba bone ba tlaa itse gore ba tlhopha mang fa kae.
O ne a tlhalosa gore mo nakong ya gompieno ya go ipaakanyetsa ditlhopho go ka nna motlhofo thata go gasa molaetsa. Rre Maroba a re diphetogo tse di dirilwe morago ga go sena go sekasekwa gore dikgaolwana dingwe di na le batho ba le bantsi mme mokhanselara a le mongwe, mme ka jalo go ne go dirwa gore dipalo di lekalekanngwe.
A re lekgotla la merero ya ditlhopho le kopane le ba bogosi, molaodi, lephata la ditsha, le ba-na-le seabe ba ba farologaneng go dira dikomiti tse di tlaa sekasekang dikgaolwana le melolwane e. O ne a tlhalosa gore diphetogo di ne tsa nna dintsi ka dikgaolwana dingwe le maina a dikgaolo a a tlwaelesegileng, a ne a fetoga, a tlatsa ka gore makhanselara a tshwanetse go ikgolaganya le kitso e mme ba tlhalosetsa batho.
O ne a supa gore kitso e, ya go itse diphetogo tsa melolwane e ka nna mosola gape thata ka gore ikwadisetso ditlhopho e a simolola, mme fa batho ba itse melolwane ya bone sentle ba ka ikwadisa kwa ba tshwanetseng mme e bile ba tlhopa le baemedi ba bone sentle. Mo go tse dingwe, di akaretsa ikwadiso, Rre Maroba o ne a kopa makhanselara go tlhalosetsa batlhophi gore fa ikwadiso e simolola kgwedi e e tlang, go dirisiwa karata ya Omang e e mo tirisong.
A re dikgwetlho tse ba di itemogetseng e le ba lekgotla la ditlhopho ke dikarata tse di fedileng ga mmogo le tse di felang. O kaile go re mo kgaolong ya Legare e le yosi go na le dikarata tsa Omang di ka tshwara 80 000, tse e tlaa reng mo ngwageng o o tlang, di bo di fedile.
O ne a supa gore fa go ka diragala jalo, go raya gore dipalo tsa batho ba ba yang go tlhopha di tsile go ya tlase, ka jalo a kopa makhanselara go bua le batlhophi ba bone go baakanya dikarata tsa bone nako e sa le teng. Rre Maroba o ne a tswelela a tlhalosa fa lekgotla le tsere tshwetso ya gore banana ba ba dingwaga tse di lesome le borobabobedi go ya kwa godimo e bile ba badile lekwalo la botlhano ba tsile go kwadisetsa batho ditlhopho.
A re ba tsere tshewetso e, ba lebile gore banana ba a sokola ga ba na ditiro, mme ka jalo go ba thapa ka nakwana go le mosola fela thata. Makhanselara ka bontsi a ne a itumelela tshwetso ya lekgotla le, ya go thapa banana,go kwadisetsa batho ditlhopho.
Le fa go ntse jalo makhanselara bangwe ba ne ba supa fa ba sa itumelela ditshwetso tsa gore melelwane mengwe e fetolwe ba re se tsile go baya batlhophi ba bone ka fa mosing, ba tlatsa ka gore mafelo mangwe a kgakala le batlhophi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya khansele
Date : 17 Sep 2013






