Koketsego ya ba ba tsenwang ke mogare e a tshwenya
16 Sep 2013
Seemo sa batho ba ba tsenweng ke mogare mo kgaolong ya Borwa Botlhaba Borwa go bolelwa se le mo selekanyong sa 1.92 per cent. Go buile jalo mogolwane wa ofisi ya AIDS, Mme Tuelo Chibana, mo merapelong ya pula kwa Taung.
Mme Chibana o boletse fa batho ba tsweletse ka go tla ka mogare o mosha ba oketsa dipalo tsa ba ba ntseng ba a nwa diritibatsi. O ne a supa fa dipalo tsa ba ba nwang dipilisi tse di lwantshang mogare di supa koketsego e kgolo.
O ne a re mo nakong eno ba le 3 249 ba mo lenaneong la diritibatsi, mo go bone, bomme ba le 2 049 fa borre ba le 1 200. O boletse fa seemo se se tshwenya, ka jaana kgaolo e, e le nnye fela thata go ka bo e na le palo eo. O boletse gore mo setlheng sa Motsheganong, Seetebosigo le Phukwi fela, batho ba le lekgolo le bobedi ba tsene mo lenaneong la diritibatsi.
Mme Chibana o kaile fa se se tshwenya, a bo a tlhalosa fa batsadi ba nna maoto a tshupa go bega dintsho tsa batho ba ba bolailweng ke mogare. O supile fa go na le balwetse ba ba okelwang mo malwapeng, ba le 180, mo go bone bomme ba 119, fa borre bone ba le masome a marataro le bongwe, mme 24 per cent ya balwetse ba, ba na le mogare wa HIV.
O tlhalositse gore mo kgaolong e, go na le bana ba masiela ba le makgolo a mane, masome a mararo le borataro, mme matshwenyego a magolo ke gore bana ba, ba tseelwa dithoto tsa bone le go dirisiwa botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo.
O boletse gore mo dikgweding tsa Moranang, Motsheganong le Seetebosigo ba abile dikhondomo di le 67-970, mme palo ya batho ba ba tsenweng ke malwetse a tlhakanelo dikobo mo dikgweding tseo ke 946, borre ba le 490 fa bomme bone ba le 456.
Mme Chibana o supa fa se se tlisa tlhobaelo ya gore a tota, dikhondomo tse di a dirisiwa kana ga di dirisiwe sentle.
O supile gape fa go ima ga banana go le kwa godimo, ka jaana go le mo go 10%, mme ditlhotlhomiso di supa fa banana ba dingwaga tse di lesome go ya kwa go lesome le borobabongwe, 61% ya bone ba supa fa ba setse ba tlhakanetse dikobo le batho ba feta bongwe.
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : TAUNG
Event : Merapelo ya pula
Date : 16 Sep 2013






