Borukutlhi boganana bo senya bokamoso
16 Sep 2013
Monana wa kgotla ya Sebolaongwe kwa Letlhakeng, Rre Maiteko Ramatlhaosa, a re borukutlhi le boganana bo senya bokamoso.
Ramatlhaosa yo e kileng a bo e le legolegwa, o boletse mo potsolotsong gore ga a a ikaelela go tshela botshelo jo a kileng a bo tshela kwa kgolegelong mme ka moo a itlhamela khamphani a e bitsa Crime Close e e, kwadisitsweng ka fa molaong, a na le modiri ka ene go thusana tiro.
Rre Ramatlhaosa a re kompone ya gagwe e itebagantse le go rutuntsha banana mo dikoleng, go ba lemotsha fa borukutlhi le botlhokatsebe di sa busetse.
O tlhalositse gore go ne go se monate go tshelela kwa kgolegelong, a re o setse a kopile thuso kwa go ba boipelego le ba ofisi ya ga molaodi, e bile a solofela kemonokeng eo.
A re ba ne ba eletsa go tsamaya le dikole tsa kgaolo ya Kweneng go ruta bana ba dikole ba dirisa bodiragatsi kana dibaesekopo go fetisa molaetsa.
Rre Ramatlhaosa o tsweletse a tlhalosa fa a setse a utlwile matshwenyego a puso ka ditiragalo tsa bosheng tse di dirwang ke banana mo dikoleng, jaanong a bona go le botoka gore ba tsenye letsogo go thusa puso go aga tshaba ya Botswana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moses Mokoanele
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 16 Sep 2013






