Breaking News

Thuto e nonotsha bokgoni

16 Sep 2013

Go rutwa go bala le go kwala ga go a lebagana le go dirisa buka le pene fela, mme go akaretsa  go fa moithuti bokgoni jwa go itshetsa.

Mafoko a a builwe ke motlhatlhelela dithuto mo lekalaneng la ga e golelwe go tswa kwa mmadikolo, Dr Sefapaano Gaborone fa a ne a fa molaetsa mo moletlong wa mafatshefatshe wa ipelelo letsatsi la go bala le go kwala.

Dr Gaborone a re thuto e akaretsa dintlha tse dintsi sa botshelo jaaka go laola bana mo lwapeng, go itse ditshwanelo tsa gago, le go dirisa boranyane jwa dikhomputara  jwa go golagana le ba mafatshe a sele, go dirisa mogala wa letheka mo go tseneletseng mmogo le gone go itirela ka diatla go itshetsa.

O tlhalositse gore  lekalana la Out of School Education and Training (OSET) go tswa mo lephateng la thuto le thusa  go namola botlhe ba ba nang le keletso ya go fitlhelela yone tlhabologo e ya go bala le go kwala, a bolela fa puso e na le badiredi mo dikgaolong ka go farologana, go anamisa thuto ya go bala le go kwala.

Dr Gaborone o kopile Batswana go lesa mowa o o maswe o go supagetseng fa o dirwa ke bangwe ka go bolela fa mangwe mananeo e le a phathi e e busang, a kaya fa seo e se nnete ka jaana thuto e e le ya botlhe mme e bile e ka solegela botlhe ba ba e tsayang ka tlhoafalo mosola bogolo jang ka e godisitswe go ka itepatepanya le diphetogo tse di teng tsa metlha eno.

O kopile gape gore ope a se tshabe kgotsa go tlhajwa ke ditlhong go atamela lephata la thuto go supa fa ene a bona go ka rutwa sengwe gape se a se akanyang e bile a bona se ka solegelang setshaba molemo mo isagong, a bolela fa ka bone Batswana, Botswana a ka tsoga a tlhabologile le go feta e bile a itumedisa botlhe mo mererong ya tsa thuto.

Dr Gaborone a re  borre ga ba  tsibogele go tsena dithuto tsa go bala le go kwala, ka jalo ba salela kwa  morago.
O boletse fa borre ba le ditlhong e bile ba se ke ba ntsha  mahatlha a bone motlhofo, a re bokoa joo bo ka fedisiwa ka go rutwa, go bulwa matlho.

Mongwe wa ba ba solegetsweng molemo ke dithuto tsa go bala le go kwala, Moruti Otsile Lecha wa kereke ya Apostolic Faith Mission go tswa kwa Kopong, o boletse fa ene kwa ga abo a ne a kgethilwe ke botsadi gore e tlaa nna modisa wa dikgomo fa bomorwarraagwe ba tsenngwa sekole.

A re ka a ne a nyoretswe thuto o ne a felela tsena sekole sa go bala le go kwala a ntse a setse dikgomo tsa gaabo morago le fa a ne a eta a rakana le dikgwetlho tse di neng  di mo pateletsa go tlogela sekole mo tseleng mme fela ga a ka a ineela go fitlha a goroga fa a leng teng mo nakong eno.

Moruti Lecha a re maikaelelo a gagwe a matona ke go ipona nako nngwe a tsholeditse setlankana sa mophato wa botlhano mme e bile a pasitse ka maemo a mantle.
O kopile borre go itshupa fa ba nonofile, ba ntshe sehuba go supa fa le bone e le bagaka, ba lese go etelelwapele ke bomme mo thutong le mororo ba re ke bone ditlhogo ka tlhago. Ends

Source : BOPA

Author : Lillian Peloentle

Location : LETLHAKENG

Event : Letsatsi la go bala le go kwala

Date : 16 Sep 2013