Rammidi a re thuto e emelwe ka dinao
23 Jan 2013
Mopalamente wa Kanye Bokone, Rre Kentse Rammidi o rotloeditse banni ba kgotla ya Goosebako kwa Kanye go tlhakanela thuto ya bana le barutabana gore maduo a tle a nametse.
Mopalamente Rammidi o ne a tshwere phuthego ya kgotla ka mosupologo. O boletse fa maduo a ditlhatlhobo a supa fa bana ba le bantsi ba sa dira sentle mo lekwalong la bosupa le la boraro.
A re bontsi jwa bana ba ba paletsweng bo tsile go gobeya mo mebileng.
Rre Rammidi a re barutabana ba neetse tshwene marapo fa e sale go nna le ngalo ditiro ya babereki, mme jaanong puso e paletswe ke go buisana le bone fela sentle le go ba okeletsa madi. O boletse fa badirela puso ba sa amogele sepe, ke sone se bangwe jaanong ba inakantseng le go batla dipipa molomo ka ba nna ba sena madi.
Mo go tse dingwe, o boleletse phuthego gore madubedube a matlhabelo a BMC a santse a tlhotlhomisiwa.
Fa ba tswa la bone, banni ba ngongoregile ka maphata mangwe a puso jaaka la omang, sepodise le dipalamo, ba bolela fa ba le maoto a tshupa mo go ba thusa. Ba boletse fa go na le batlhoki mo kgotleng ya bone mme ba sa thusiwe ke puso le mororo ba kopile khansele go tla go ba sekaseka.
Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Kanye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Jan 2013






